Kgosi o kgothatsa banana go ikitaa ka thupana
30 Sep 2016
Banni ba Mahalapye ba ne ba tshologetse kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye go tla go ipelela letsatsi la boipuso jwa masome a matlhano.
E rile a simolodisa moletlo oo, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a kgothatsa banana gore e re ka jaana lefatshe le keteka dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa jaanong go mo diatleng tsa bone go le isa kwa pele.
Kgosi Segotsi a re lefatshe jaanong le mo diatleng tsa bone ka jalo go mo go bone gore ga ba le digele ka lomena.
O ne a tlhalosa gore e rile fa lefatshe leno le tsaya boipuso ga bo go sena sepe, mme mo bo gompienong go nale ditlhabololo fela tse dintsi tse ka tsone ba tshwanetseng go di oketsa ba di somarela go di isa kwa pele.
A re bagolo ba lefatshe le, ba le bereketse gore le fitlhe fa le leng teng, kaba ne ba itse gore mongwe le mongwe o ja mohuhutso wa phatla ya gagwe e bile a berekela go isa lefatshe kwa pele.
O ba gakolotse gore go ne go se motlhofo, mme jaanong go mo maruding a bone go bona gore lefatshe la Botswana le tswelela le ya kwa pele a tlhalosa fa dingwaga tse di masome a matlhano e se tlhaka ya motho.
Kgosi Segotsi o gakolotse banni gape go tlotla pina ya setshaba, ka e aga e bile e bopa, a tlatsa ka gore mafoko a yone a tshwanetse go sekegelwa tsebe.
A re mokete wa ngwaga ono ke yo o faphegileng mme a ba kopa go tsweledisa kagiso le thokgamo tse di fitlhelwang mo lefatsheng leno.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa komiti ya BOT50 Rre Moatshe Senai o ne a leboga botlhe baba dirileng gore letsatsi le le atlega.
Rre Senai le ene o ne a tlhalosa ka gore jaanong go mo maruding a botlhe go bona gore lefatshe le ya kwa pele.
A re ke tshwanelo ya mongwe le mongwe go bona gore o direlang lefatshe go ya kwa pele, a tlhalosa fa jaanong lefatshe le digetse tebelopele ya setshaba ya 2016 mme jaanong go simologa e nngwe ya 2036.
Rre Senai a re mosepele wa go ya kwa pele o simologa gompieno mme a kopa botlhe go ema ka dinao, go nna le boikarabelo go fitlhelela kwa go 2036.
Bokhutlo.
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Ipelelo Boipuso
Date : 30 Sep 2016






