Breaking News

Morethetho wa boipuso kwa Masunga

30 Sep 2016

Go ne go sha legong go sala molora kwa lebaleng la metshameko la Masunga kgwedi eno e le masome a mabedi

le borobabongwe jaaka banni ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba tshwere maitiso a bofelo pele ga letsatsi la moletlogadi wa boipuso jwa monongwaga.

Maitiso ao a ne a kopantse badiragatsi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ba neng ba diragatsa tiro ya bone e ba e itseng

botoka ka bokgabane le ka botswapelo, go jesa matlho a babogedi monate le gone go ba tlhagolela tsela ya boipuso jwa masome a matlhano.

Fa a bua kwa tirelong eo, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, gape e le mokhanselara

wa kgaolwana ya Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o ne a supa fa popagano le neelano e le one matshego a popota, a a gorositseng lefatshe

leno mo dingwageng tse di masome a matlhano a go ipusa.

Mokhanselara Mpetsane o ne a gwetlha Batswana go tswelela ka mowa oo, go tsweledisiwe mosepele wa go aga

lefatshe gore dikokomane tse di tlang kwa morago di akole maungo a lefatshe leno.

A re ka nako ya fa lefatshe la Botswana le tsaya boipuso, go ne go le leuba le le ngomolang pelo mme ka ntlha ya ponelopele ya Tautona wa ntlha le ba a neng

a dira le bone mmogo le ponelopele ya baeteledipele ba lefatshe leno ka go tlhatlologana ga bone, lefatshe le kgonne go fitlhelela ditlhabololo tse di seng kana ka sepe.

Mme Mpetsane o ne a fa sekai ka ditsela tsa sekontiri, tse a tlhalositseng ka nako eo go neng go na le tsela ya sekontiri ya dikhilometara tse thataro fela,

a re mme go a itumedisa ka jaana mo nakong eno lefatshe la Botswana le phaphasela ka ditsela tse di anameng le lefatshe tsa sekontiri.

O tsweletse a bolela fa ponelopele ya baeteledipele ba lefatshe leno e ne ya ba thusa gore ba eme ka dinao morago ga gore lefatshe le welwe

ke seru sa HIV le AIDS mme mo nakong eno mogare o kgona go ritibadiwa gore batho ba tshele lobaka lo lo leele.

Le fa gontse jalo, modulasetilo o ne a re Batswana ba tshwanetse ba itse fa mosepele wa ditlhabololo o le bokete, e bile o na le dikgwetlho, a re

fela go tshwanetse ga itebaganngwa le one go leka go isa lefatshe pele.

Fa a itebaganya le kgaolo ya Bokone Botlhaba, Mokhanselara Mpetsane o ne a supa fa le yone e kgonne go fitlhelela ditlhabololo di le mmalwa,

a tlhalosa fa ditlhabololo tse dingwe di akaretsa matamo a banni ba ipelang ka one ka jaana a na le seabe se segolo mo go tsholetseng itsholelo ya kgaolo.

Mme Mpetsane o ne a gwetlha Batswana go itumela ba na le boikarabelo go itsa go tsenya matshelo a bone mo diphatseng.

E ntse e le gone kwa maitisong ao, sengwe se se neng sa jesa matlho a batsena tirelo eo monate ebile sa ba tlhotlhora boroko jo

bo neng bo setse bo ipha maatla, e ne ya nna go thuntshiwa ga dikirikete. Bokhutlo

           

             

 

 

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : morethetho letsatsi pele ga ipuso

Date : 30 Sep 2016