Kgosi Mosweu o rotloetsa morafe go somarela ngwao
30 Sep 2016
Kgosi Mogotsi Mosweu o gakolotse banni ba motse wa motshegaletau go somarela ngwao ya Setswana ka e le konokono ya ditso tsa lefatshe leno.
O buile se fa a ne a amogela morafe wa gagwe kwa kgotleng ka letsatsi la go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa.
Kgosi Mosweu o ne a re go apara marokgwe ga bomme mo kgotleng ke nngwe ya tseo tse di nyeletsang ngwao.
Kgosi o nea rotloetsa morafe wa Bapedi go nna sekao mo baneng ba bone mme ka jalo ba kgone ba jwale ngwao mo dikokomaneng tsa bone.
E ntse e le kwa moletlong oo wa boipuso, moeng wa tlotla rre Russel Clark gotswa mo kgaolong ya Legare, o boletse fa Batswana e le tshaba ee tshwaraganeng thata, selo sea boletseng fa se lebagane go ipelelwa mo nakong e ya boipuso.
O kgothaditse morafe go tshwara ka thata go netefatsa gore kgaolo ya bone e nne le ditlhabololo.
Rre Clark o boletse fa mowa wa go kopakopana o simologile mo Motshegaletau ka jaana go na le banni ba letso la Sesarwa, Bapedi, Bakgalagadi, le Basweu.
O kgothaditse banni gore ba seka ba latlha mowa wa boipelego le go thusana.
Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lucretia Chima
Location : Motshegaletau
Event : Ipelelo Boipuso
Date : 30 Sep 2016






