Breaking News

Go jewa tlhako kwa Thabala

29 Sep 2016

E re jaaka Batswana lefatshe ka bophara ba ipaakanyetsa go tsoga ba ipelela tsatsi la boipuso jwa masome a matlhano lefatshe leno le ipusa, ke semphete ke go fete kwa Thabala.

 Babina Kgabo ba tshologetse kwa kgotleng  go keteka letsatsi la ngwao. Moletlo oo,  o supa dilo tse di farologaneng jaaka botshelo jwa Setswana le metshameko ya maloba.

Balekane ba Botswana ba natefisa letsatsi ka go supa ditiro tsa Setswana jaaka go setla, go hehera, selela le tse dingwe .

Metshameko e, e gapile maikutlo a ba bantsi bogolo jang ka botshelo jo bo sa tlhole bo tshelwa mo malatsing a se gompieno.

Setlhopha sa moopelo sa Thabala sa ba letso la Sesarwa se gapile bontsi maikutlo ka dipina tsa segabone. Ba butse serala ka Tsibere ge na moo (Babedi tlang le boneng). Ba ipoa kgatsu ka Ngho mturee xham da bu oa raha (Maruapula a thibile letsatsi). Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lucretia Chima

Location : Thabala

Event : Ipelelo ngwao

Date : 29 Sep 2016