Breaking News

Matona a puso a okeditswe

28 Sep 2016

Go latela go rulaganngwa sesha le go okediwa ga maikarabelo a maphata a puso, tautona Lt General Seretse Khama Ian Khama o rulagantse sesha khuduthamaga ya matona a puso.

 Pego e e sa tswang go goroga ya Mokwaledi wa ga tautona Rre Carter Morupisi e tlhomamisa gore go na le matona a masha a le mane a a sa tswang go tsena mo khuduthamageng, ba e leng Rre Thato Kwerepe, Rre Itumeleng Moipisi, Rre Biggie Butale le Rre Kefentse Mzwinila.

 Rre Eric Molale ke tona wa Ofise ya ga Tautona, Tsamaiso puso le Bodirela Puso, a thusiwa ke Rre Thato Kwerepe.

 Rre Shaw Kgathi o santse e le Tona wa Itshireletso, Molao le Thokgamo. Rre Patrick Ralotsia ke Tona wa Tlhabololo ya Temo-Thuo le go tlhomamisa gore lefatshe leno le na le dijo tse di lekaneng, a thusiwa ke Rre Kgotla Autlwetse. Rre Nonofho Molefhi ke Tona wa Dikago le Matlo, Dr Unity Dow ke Tona wa Thuto ya motheo, a thusiwa ke Rre Moiseraele Goya; Rre Tshekedi Khama ke Tona wa Tikologo, Tshomarelo ditsa Tlholego le Bojanala. Rre Kenneth Mathambo ke Tona wa Madi le Tlhabololo Itsholelo, Dr. Pelonomi Venson-Moitoi ke Tona wa Merero ya tsa Mafatshe a Sele le Tshwaragano, Mme Dorcus Makgato ke Tona wa Botsogo le Boitekanelo, a thusiwa ke Rre Dikgang Makgalemele.

 Rre Tshenolo Mabeo ke Tona wa tsa Khiro, Pereko le tlhabololo dikitso, Rre Prince Maele ke Tona wa Tlhokomelo lefatshe, Metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, a thusiwa ke Rre Itumeleng Moipisi. Rre Slumber Tsogwane o tlaa tswelela e le Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo magae a thusiwa ke Mme Botlogile Tshireletso le Rre Frans Van Der Westhuizen.

Advocate Sadique Kebonang ke Tona wa Ditswa-mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tshomarelo ya tsa kgotetso, Rre Vincent Seretse o tlaa tswelela e le Tona wa Peeletso, Papadi le Madirelo, a thusiwa ke Rre Biggie Butale.Rre Kitso Mokaila Kitso Mokaila ke Topna wa Dipagamo le Ditlhaeletsanyo, Rre Thapelo Olopeng ke Tona wa go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ya ngwao, a thusiwa ke Rre Kefentse Mzwinila.

Dr Alfred Madigele ke Tona wa thuto e kgolwane, dipatlisiso, boitseanape le boranyane,a thusiwa ke Rre Fidelis Molao, mme Rre Edwin Batshu ke Tona wa Boagedi le merero ya Bong. Ba tlaa tsaya maemo a bone Phalane a rogwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : PEGO

Date : 28 Sep 2016