Breaking News

Setshaba se rotloediwa go ikanya Modimo

28 Sep 2016

E ne e le semphete ke go fete fa dikereke di kokoanetse kwa lebaleng la metshameko  la Lobatse go rapela mmogo.

Fa a amogela baeng, Kgosi Segale Letshele wa kgotla ya Peleng o ne a gwetlha setshaba go ipelela dikatlego tsa lefatshe leno le le simolotseng le sena le fa e le sepe mme ba eteleditse Modimo kwa pele.

Kgosi Letshele a re ke ka ntlha ya boineelo le go dira ka bonatla jwa batlapele gore lefatshe leno le bo le dikaganyeditswe ke magosogoso a ditlhabololo le ka tlhotlholetso ya morafe go aga lefatshe.

Le fa go le jalo, o ne a kgala a sa kgwe mathe ka fa botho jwa Batswana bo sa jeseng diwelang ka teng, mme a kopa setshaba go itsaya ka motlhala go bona gore ba fapogile fa kae.

A re go le gantsi, bana ba tletse botlhokatsebe jo ka maswabi bo rotloediwang ke batsadi bangwe le mororo ba ka bo ba rotloetsa boitsholo jo bo letleleseganng mo baneng.

Kgosi Letshele a re batsadi bangwe ba gweba ka ditagi mme ba di rekisetse bana ka jalo dilo tseo di ba ntshe mo sethong.

O gwetlhile setshaba go inaakanya le mananeo a ga goromente go ka inamola mo lehumeng mme ba bone letseno le le siameng la madi go na le go gweba ka dilo tse di ka se ageng botshelo jwa nagwana wa Motswana.

Mo go tse dingwe o ne a ba gwetlha go ema baithuti nokeng mo dithutong tsa bone gore ba tle ba tokafatse maduo a ngwaga o o tlang wa ditlhatlhobo.

O ne a gwetlha dikereke le tsone go ema puso nokeng ka go gasa efangele e e tsepameng go ka aga setshaba eseng go se latlhisa tumelo ya nnete.

Fa a tswa la gagwe, Moruti Gasennelwe o ne a gwetlha bakeresete go ikanya Modimo ka metlha yotlhe go ba golola mo mathateng a selefatshe.

O gwetlhile bakeresete go kopana e le tsela nngwe ya go tlotlomatsa sebaka se lefatshe leno le se boneng, le se se filweng badumedi, go ka itlhophela tumelo e ba eletsang go e sala morago. A re lefatshe leno, le tshwanelwa ke go ka ipelela dingwaga tse di masome matlhano ka jaana, le dirile ka bokgabane go nna se le leng sone gompieno, go sena dikgoberego, le fa e le tshololo ya madi.

A re boipuso jo bo maleba ka jaana,  ke ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a Modimo go bo go rena kagiso le thitibalo mo lefatshing leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Gaborone

Event : Kamogelo baeng

Date : 28 Sep 2016