Khama o aga maphata a puso sesha
28 Sep 2016
Lt. Gen Dr Seretse Khama Ian Khama o agile sesha le go oketsa maikarabelo a maphata a puso.
Pego e e sa tswang kwa go Mokwaledi wa ga tautona Rre Carter Morupisi ya re maphata a puso a okeditswe go nna lesome le boherabobedi go tswa kwa go lesome le borataro.Pego ya re palo ya bathusa tona le yone e okeditswe go nna lesome
Lephata la merero ya ga Tautona le Bodirela Puso le fetotswe go nna la Ofise ya ga Tautona, Tsamaiso puso le Bodirela Puso. Lephata le lesha le tla itebaganya le go lwantsha tshenyetso sechaba le go tlhomamisa gore ditiro tsa tshokamo di a nyelediwa gotlhelele mo mehameng yotlhe ya itsholelo.
Rre Morupisi o gatelela gore bana-le seabe botlhe, maphata a puso le mehama e e ikemetseng le makgotla a sechaba a tshwanetse go rwala boikarabelo jwa go arabela tseo tsotlhe mo sechabeng.
Go tla a remelelwa mo go arabeng ditopo tsa setshaba, mme go dirwe ditsamaiso tse di maleba go araba ditlhokego tsa setshaba.Lephata la Temo-Thuo le fetotswe go nna la go Tlhabolola Temo-Thuo le go tlhomamisa gore lefatshe leno le na le dijo tse di lekaneng.
Lephata leo le tla a tlhomamisa gore lefatshe leno le ntsha dijo tse di lekaneng mono gae le go fokotsa tse di rekwang kwa ntle, go bula diphatlha tsa mebereko le go tswakanya mhama wa Temo-Thuo.Boikarabelo jo bogolo jwa lephata le ke go tlhomamisa gore dijo tse di dirwang mono gae ke tsone tse di neelwang maemo a ntlha.Lephata la Dikago, Boranyane le Boitseanape le fetotswe go nna la Dikago le Matlo.
Lephata le le tla a itebaganya le dikago tsa mmuso le tlhokomelo ya tsone.Tiro ya lephata le gape ke go tlhomamisa gore beng gae ba nna le boroko jwa seemo se se rileng le mananeo a kago ya matlo a a sa lopeng madi-madi.
Lephata la Thuto le Tlhabololo Dikitso le fetotswe go nna la Thuto ya motheo mme le itebagantse le thuto ya dikolo tsa bananyana go fitlha kwa go tse dikgolwane tsa di senior secondary.
Go rulaganngwa sesha mono go tsetse lephata le lesha la thuto e kgolwane, dipatlisiso, boitseanape le boranyane.
Lephata leno lone le tla a lebagana le mananeo a go ntshetsa baithuti madi go ya dithutong, makgotla a thuto e kgolwane, le go lomaganya dipatlisiso, go fetola boitseanape le tlhabololo ya boranyane, go fetola lefatshe la Botswana go tsamaisa itsholelo ya lone ka dikitso, mme le alose dialogane tse di nang le dikitso tse di tlhokwang mo madirelong.
Lephata la Tikologo, Diphologolo le Bojanala le fetotswe go nna la Tikologo, Tshomarelo ditsa Tlholego le Bojanala.
Lephata leno le tla a lomaganya dikgang tsa tikologo le bojanala.
Dingwe tsa ditiro tseno di akaretsa go somarela ditsa-tlholego, tlhabololo dikgwa, makgobokgobo, ditlhapi, mafelo a diphologolo le go tlhokomela makgabisa naga le go somarela mafelo a a sireleditsweng le ditsa tlholego.
Lephata la Madi le Ditogaamano a Ditlhabololo le rulagantswe sesha mme jaanong ke lephata la Madi le Tlhabololo Itsholelo mme le tla a bo le lebagane le go lomaganya ditogamaano tsa ditlhabololo tsa sechaba, go baya leitlho go diragadiwa ga ditiro, go phutha le go tsamaisa ditsompelo tsa madi le itsholelo. Maikaelelo ke go tlhomamisa gore go kgonwa go tlhabolola itsholelo le matshelo a sechaba ka tsela e e utlwalang le go tlhomamisa gore itsholelo ya sechaba e humisa botlhe.
Lephata la merero ya tsa Mafatshe A Sele jaanong le bidiwa la Merero ya tsa Mafatshe a Sele le Tshwaragano.
Lephata leno le tla a tlhokomela ditirisanyo le mafatshe le go buelela dikeletso tsa lefatshe la Botswana kwa mafatsheng a sele le go dibela boipuso jwa lefatshe leno le melelwane ya lone.
Lephata la Botsogo lone jaanong le bidiwa la Botsogo le Boitekanelo.
Lephata leno ga le a leba fela go thibela malwetse mme le tla a itebaganya le boitekanelo ka go rotloetsa go tshela botshelo jo bo botoka ka go ja dijo tse di nang le dikotla, boitekanelo jwa mmele, botsogo jwa tlhaloganyo le go ipabalela ga beng gae.
Lephata la tsa Pereko le Selegae jaanong le bidiwa lephata la tsa Khiro, tsa pereko le tlhabololo dikitso.
Lephata leno le tla a bo le lebagane le ditirisano tsa mhiri le mhiriwa, pabalesego mo tirong, botsogo le tikologo, go rotloetsa botlhaga mo mhameng yotlhe ya ditiro le go tlhomamisa gore batho ba anywa dikitso tsa go dira ka diatla le go ba tlhatlhelela dikitso.
Thulaganyo sesha eno e tsetse lephata le lesha la sechaba, boagedi le merero ya bong. Lephata leno lone le tla a dibela boleng jwa setshaba, go laola metsamao ya batho kwa melelwaneng, go laola diteseletso tsa boagedi le pereko.
Lephata la Ditsha le Matlo jaanong le bidiwa lephata la Tlhokomelo lefatshe, Metsi le ditirelo tsa kgopho leswe.
Lephata leno le tla a tlhomamisa gore go nna le tsamaiso ya lefatshe e e lebanyeng le go tlhokomela gore matshelo a batho le itsholelo a a tlhabologa ka go tsenya lefatshe ditlamelo.
Lephata leno gape le tla a bo le ikarabela mo go noseng sechaba metsi a a phepa le go dirisa gape metsi a a dirisitsweng go boa a dirisiwa ke batho mo malwapeng le mo tlhabololong ya tsa temo-thuo.
Lephata la meepo, kgotetso le metsi jaanong le tla a bo le bidiwa la Ditswa-mmung, boranyane jwa pabalelo tikologo le tshomarelo ya tsa kgotetso.
Dingwe tsa ditiro tsa lone ke go lomaganya mananeo a tlhabololo ya ditswa mmung le go laola meepo.
Mo go tsa boranyane jwa pabalelo tikologo, lephata le tla a tlhomamisa gore go shafadiwa ga tsa kgotetso go fokotsa kgotlelesego ya tikologo le go tlhomamisa gore tsa kgotetso di dirisiwa ka tsela e e molemo le go di dibela.
Lephata la banana, metshameko le ngwao le rulagantswe sesha go nna la go neela banana dithata, metshameko le tlhabololo ya ngwao. Lephata leno le tla a aba mananeo a go neela banana dithata gore ba tsenye letsogo ka botlalo mo tlhabololong ya matshelo le itsholelo ya lefatshe leno.
Lephata leno gape le tla a tlhabolola metshameko ka botlalo le go tswakanya itsholelo, go tlhabolola ngwao le go e rotloetsa.
Maphata a itshireletso, molao le thokgamo, la dikgaolo le tlhabololo magae, peeletso, papadi le madirelo le la dipagamo le ditlhaeletsanyo ga a fetolwa.
Rre Morupisi o boletse gore go godisiwa le kago sesha ya maphata a puso e diretswe go tlhomamisa gore ditirelo di isiwa ka manontlhotlho kwa bathong le maitlamo a mmuso a go diragatsa ditiro tsa one tsa konokono tsa tlhabololo itsholelo, go fefosa go tlhamela batho ditiro le go direla Batswana ditiro tse di ba neelang seriti.
Diphetogo tseno di dirwa go setswe morago molao wa maphata wa number 4 wa 2016, mme di simolola kgwedi ya kamoso ya Phalane e tlhola letsatsi. ENDS
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Pego
Date : 28 Sep 2016






