Tumelo e tlodisitse Batswana dinoka di tletse
27 Sep 2016
Motshwarelela bogosi jwa Batawana, Kgosi Kealetile Moremi, a re go botlhokwa thata go gopola Modimo segolo jang ka malatsi a go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano tsa lefatshe leno le ntse le ipusa.
Kgosi Moremi o buile jalo bosheng kwa moletlong o o neng o tshwerwe ke dikereke tsa Maun e le bontlha bongwe jwa metseletsele ya ditiro tsa go ipelela boipuso jwa ngwaga ono. Kgosi a re Modimo ka esi ke ene a kgontshitseng le go neela dikgosi tse tharo botlhale go bona gore lefatshe leno le tshwanetse la bona boipuso. A re Modimo o tshwanelwa ke ditebogo ka gore fa e ne e se ka tlhotlheletso ya mowa wa gagwe lefatshe leno le ka bo le ntse le le mo kgatelelong le gone go busiwa ke mafatshe a mangwe.
O bile a akgolela dikereke ka dipalo tse dintsi tse ba neng ba tsile ka tsone. O tsweletse a re dikereke ka bontsi ga di ke di ba isa tlase ka fa ba di kopa go tla go kopanela sengwe le bone, a re go dira jalo go tlaa ba tlisetsa kagiso le thokgamo e e sa feleng. Moruti go tswa kwa phuthegong ya St John Apostolic Faith Mission of Botswana, Mme Botshelobokae Ramasu o ne a re lefatshe leno le melediwa mathe ke ba le bantsi mme e le ka kagiso le thokgamo e e leng teng mo go lone.
A re mafatshe segolo jang a Aferika a palelwa ke go dira se lefatshe leno le se dirang fa e se go tswelela ba tsholola madi a a senang molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Merapelo ya Boipuso
Date : 27 Sep 2016






