Kagiso le popagano di aga Botswana
27 Sep 2016
Mopalamente wa Kanye Bokone, Rre Patrick Ralotsiaa, a re Botswana o kgonne go goroga kwa dingwageng tse di masome matlhano a ntse a ipusa kantlha ya kagiso le popagano.
Rre Ralotsia, yo gape e leng Tona wa Temo Thuo, o buile se ka Tshipi kwa kgotleng kgolo ya Kanye fa dikereke di ne di phuthegetse koo go rapelela boipuso jwa lefatshe leno.
A re tumelo le yone e ntse le seabe se se botlhokwa mo motheong wa lefatshe leno ka jaana le thaetswe mo kagisong go sena tshololo ya madi. A re ke ka moo boeteledipele jwa lefatshe leno botsayang tumelo ka tekatekano go sena tumelo e tona le e potlana, ebile mongwe le mongwe a gololesegile go itlhophela kereke ya gagwe le go rapela ka kgololesego.
Rre Ralotsia a re Botswana o agilwe ke tumelo ya Batswana ya gore “mafoko a kgotla a mantle otlhe.” A re Batswana ba ikgantshe ka se banang naso gompieno ka gore ditlhabololo tse banang le tsone ba di itiretse a kaya fa di ne di seyo pele ga lefatshe leno le ipusa.
A re ebile mosepele wa ditlhabololo ga o fele o santse o tswelela pele mo lefatsheng leno. Mme are go botlhokwa gore setshaba se tlhaloganye gore Lefatshe leno le itlhabolotse le ikaegile ka molaomothao.
Rre Ralotsia o ne gape a leboga matshwititswiti a maloko a dikereke tse di neng di tshologetse modiro oo, mme a gatelela gore seabe sa dikereke se botlhokwa fela thata mo go ageng tshaba eno.
Tona one a fa polelo e khutshwane wa pampiri ya dikgang yo o neng a kwala a sotla lefatshe leno malatsinyana fela pele ga le tsaya boipuso mo go Mmamosadinyana a tlhalosa fa ele lefatshe la komelelo, le humanegile ebile le itshotla lere le ka ipusa. E ne erile go le pele a amogela morafe wa gagwe mo kgotleng Kgosi-Kgolo ya Bangwaketse Kgosi Malope II wa bobedi a tlhalosa fa maikaelelo a bokopano joo jwa dikereke ene ele go lebogela Modimo go bo o gorositse lefatshe leno mo dingwageng tse di masome a matlhano le ntse le ipusa, mme a supa fa a itumeletse tshologelo ya merapelo eo are ebile o ikutlwa e kabo ele mongwe wa bareri ba letsatsi. Kgosikgolo one a kopa Batswana go rapelela pula gore e dike e nele gore batho ba kgone go itirela dijo. Fa a tswa la gagwe modula-setilo wa lekgotla la dikerekemo Kanye Moruti Keolopile Pema a lebogela tirisano-mmogo ya dikere tsa Kanye. Are di dintsi thata mme di dirisana sentle, o ne a tshepisa morafe gore ka merapelo eo boipuso jono e tlaa nna jo bo babalesegileng.
Erile a ntsha lefoko la kgothatso Moruti Lebogang Tube wa kereke ya Methodist, a supa gore lefatshe leno le gorogile mo dingwageng tse di masome-matlhano ka go bo le bopagane ebile le kgathala (United and Proud Nation).
Pastor Rasheed Yassin wa tumelo ya se Muslim o ne a leboga lefatshe leno are ke la kagiso a supa fa go sena letsatsi lepe le a kileng a kgokgontshiwa mabapi le tumelo ya gagwe, a supa gore ele ba Muslim ba bopagane le ba dikereke tse dingwe , mme le ene a ba a rapelela pula.
Fa a leboga Modulasetilo wa khansele ya Borwa Rre Mephato Reatile a kopa Batswana go somarela kagiso ee renang mo lefatsheng leno. Are bangwe mo mafatsheng a sele e ba dule ka dipaka tsa menwana. ENDS
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Merapelo ya Boipuso
Date : 27 Sep 2016






