Kgosi Jackalas o bolokilwe
26 Sep 2016
E ne ya re ka Matlhatso banni ba Jackalas 2 ba thologela kwa kgotleng go tsena phitlho ya kgosi ya bone: Kgosi John Jackals.
Dibui ka go farologana di tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le moeteledipele yo o senatla, a le lerato e bile a na le mowa wa boitshwarelo.
Mongwe wa dibui, Rre Samson Guma, yo e leng mopalamente wa kgaolo ya Bokone Botlhaba o tlhalositse fa Kgosi Jackalas e ne e le mogakolodi wa bone.
A re e ne e le kgosi e e nang le kagiso a itse tiro ya gagwe e bile a e dira ka botswerere
Le fa go ntse jalo o kopile morafe go tshwaragana, mme ba goge morafe ka mowa o le mongwe jaaka Kgosi Jackalas a ne a dira. Rre Guma a re Kgosi Jackalas o ba rutile go nna batho ba nnete, ga mmogo le gone go tshwaragana ka pelo e le nngwe.
Kgosi Tapson Jackalas wa Jackalas1 o lebogetse go bo a ne a tlogela tiro ka bogodi, mme a seka a ganelela mo setilong.
A re go dira jalo go supa maikarabelo le maitemogelo a go itse gore o tshwanetse wa ruta ba ba kwa morago tiro gore e re motlhang o hulere go bo go sena sekgoleretsi. Monnawe moswi, Rre Albert Ncube o tlhalositse fa moswi a tsetswe ka ngwaga wa 1921 mo motseng wa Jackalas 2.
O tsweletse a re mogolowe o simolotse go bereka kwa South Africa ka ngwaga wa 1939 e le moroki a rokela kompone ya Woolworths go fitlhelela a fudugela mo gae a tla go nna kgosi ka ngwaga wa 1973 go fitlhelela ka ngwaga wa 2008 a tlogela ka ntlha ya bogodi.
O tsene mo nyalong e e boitshepo le moswi Josephine Thekiso ka ngwaga wa 1955 jalo o tlogela bana ba le bane, mosadi, bommonawe ba le bane, bana ba bana ba le 24 le ditlogolwana di le 19. Moswi o tlhokafala jaana a le dingwaga di le 95 morago ga go lwala. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : JACKALAS2
Event : Phitlho ya kgosi
Date : 26 Sep 2016






