Breaking News

Modulasetilo o akgola babereki ba OLDM

26 Sep 2016

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana ya sekole se sebotlana sa Mmatshumo mo kgaolong-potlana ya Boteti,  Rre Orapeletswe Gobopang, o akgoletse babereki ba boranyane ba meepo ya Orapa Letlhakane le Damtshaa (OLDM) mowa wa bopelotlhomogi.

Rre Gobopang o ntshitse kakgolo e kwa moletlong wa  kabo  dimpho wa babereki ba boranyane ba khamphani ya Debswana ka Labotlhano. Dimpho tseo di akaretsa, baesekele, diromamowa di le nne, siren bell, ditlhako di le masome a matlhano, dibuka di le makgolo a marataro le didirisiwa tse dingwe tsa thuto.

Rre Gobopang a re go dira bopelotlhomogi ga se selo se se motlhofo segolong jang batho ba ntsha madi mo dipateng tsa bone. A re batho fa ba dira jalo ba a bo ba na le lerato le kutlhwelobothoko mo go ba bangwe ba ba tlhokileng lesego.

A re dimpho tse di ya go dira phetogo e tona mo dithutong tsa bana ga mmogo le go tlhofofatsa tiro ya barutabana ka jaana ba filwe ditlamelo tse ba ntseng ba na le letlhoko mo go tsone.

Mogolwane wa lekalana la boranyane la OLDM, Rre Kennedy Mathekela o ne a tlhalosa fa maikaelolo a bone e le go thusa sekole  se sebotlana  sa Mmatshumo  ka lenaneo la Adopt –A-School e le tsela nngwe ya  go leka go bopa babusi ba lefatshe leno ba ka moso le go tokafatsa seemo sa thuto ya lefatshe leno. A re ba ne ba kopana le bogogi jwa sekole se sebotlana sa Mmatshumo ka maikaelelo  a go tsaya karolo mo lenaneong la Adopt-

A-School  mme ba ne ba lemoga letlhoko la bone morago ga go sekaseka seemo sa sekole  seo ba bona letlhoko la didirisiwa  tsa baithuti le e bileng le ne tlhoka go tsibogelwa ka bofefo le sa ngwana yo o tsamayang sekgele 40 km go tsena kwa sekoleng.

Rre Mathekela a re ba dira jalo ba tshegeditse lengwe la maitlamo a kompone ya bone la ‘Be Passionate and  Show You Care’ gammogo le la tebelopele ya lefatshe leno ya 2016 a a  supang gore ba kgathala ka ba bangwe.

A re gape ba leka go rotloetsa bana go kgatlhegela boranyane gore ba botsogo e le boramaranyane ba kamoso fa ba setse ba tlogetse tiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 26 Sep 2016