Gaborone o amogela molelo
26 Sep 2016
Molelo wa kgolagano o weditse loeto lwa one mo kgaolong ya Kweneng. Toropo kgolo Gaborone e ne ya amogela molelo ka Tshipi.
Molelo o, o o simolotseng loeto lwa one ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse e tlhola malatsi a le masome mararo mo toropong ya Gaborone, o tlaa wetsa loeto le ka Labotlhano beke eno fa go tlaa bo go ipelelwa dingwaga di le masome matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa.
Loeto lwa molelo le le simolotseng ka kgaolo ya Borwa Botlhaba le wetse ka Matlhatso mo kgaolong ya bofelo ebong ya Kweneng pele o tsena mo toropo kgolo. Le fa go ntse jalo, molelo o amogetswe ke Batswana ka kakaretso ka boitumelo jo bogolo.
Metse e ne e kgabile ka mmala o motala, bontsho le bosweu. Mo dikgotleng go ne go sena fa lenao le ka gatang teng. Morole o mosesane o tswa ka matsomane gongwe le gongwe fa o neng o tsamaya teng e le fela go itseela ditiragalo ka tlhamalalo ka bo ramogoma ba ne ba sa batle go fetwa ke sepe gore mogang go ipelelwang dingwaga tse di lekgolo ba bo ba supa fa ba ne ba le teng.
Nngwe ya se se tlaa sekeng se lebalesege gape ke ka fa Batswana ba supileng ka fa ba ipelang ka lefatshe la bone ka teng ka mongwe le mongwe o ne a segile paka kgotsa mokgabo o o neng o ka seke o tlole leitlho la ga ope mme mebala e le yone ya folaga ya lefatshe leno.
Mokgabo o ne o tswa fela go simolola mo tlhogong go tsena ko setlhakong. Se sengwe gape se se kgatlhisang ke ka fa go neng go jewa motwane ka teng, leoto le binela go kgaoga, matlhogotshweu le bone ga ba a ipona tsapa go supa bothakga jwa bone ka ba ne ba sa batle mabele a gabone a jewa ke tshupa.
Dipina le maboko le tsone tsa bo di ile magoletsa fa go ne go bokiwa molelo wa kgolagano. Mme tse tsotlhe di supile fa Batswana e le tshaba e e lorato e e ratang kagiso e bile e bopagane mo loetong lo lwa molelo. Sengwe gape se se supafetseng ke gore merafe ka go farologana e nnile le nako ya go gakologelwa ko ba tswang teng ka go lotlega ditso tsa bone le gone go etela mafelo a ditso.
Megaka mo Kweneng jaaka Kgosi Sechele wa ntlha, Kgosi Kgari, Tau Manthe, le magosi a mangwe ka go farologana, ba ne ba tlotlwa ka ba nnile le seabe mo go ageng metse le go bopaganya merafe ya bone le gone go supa metlhala e ba e tlogetseng.
Dingwe tsa ditso di akaretsa tshimologo ya maina a motse gore go tsile jang gore metse eo, e bidiwe ka maina ao. Mangwe a maina ao ke motse wa Molepolole o go utlwalang fa o biditswe jalo fa go ne go kgalengwa kwena gore e lepolole monna mongwe wa Mosotho fa a ne a tsile go tlhola masika a gagwe kwa Dithejwane, mme ya re ba ikhuditse fa tlase ga molapo, kwena ya tshwara monna yoo mme yo a neng a na nae a e kgalema ka lentswe le legolo a re “mo lepolole.” Molapo oo wa bidiwa Molepolole mme kgabagare motse wa felela o biditswe ka molapo oo.
Fa ba bua, batlapele ba bolela gore motse wa Kopong o ne o bidiwa kopong, ke gore ke lefatshe le le kopilweng fa Basikwa go tswa Gabane ba ne ba kopa lefatshe mo go Kgosi Sechele wa ntlha ba tla ba tshaba dintwa tsa bomorwarraabone mme ba tla go kopa lefatshe mo Bakweneng. Motse wa Gabane one go bolelwa fa o biditswe jalo go tewa gotwe ga ba na lefatshe fa Kgosi Pule le Seboko ba lwa motse o bo o bidiwa Gabana.
Mogoditshane o biditswe jalo ka go ne go na le setlhare se bidiwa gotwe segodiri ko nokeng ya Segoditshane. Ditlhare tseo fa di le dintsi di bidiwa magodiri. E re ka di ne di le dintsi e bile go tletse ditlhatshana ga dumalanwa gore motse o bidiwe Mogoditshane.
Mogolwane wa komiti ya Bot 50 yo o eteletseng pele molelo wa kgolagano mo Kweneng mme Onalenna Mokgaotsane a re mafelo otlhe a molelo o a tsamaileng, Batswana ba amogetse molelo ka megolokwane le meduduetso e metona.
A re se se supile fa Batswana e le batho ba ba tlotlang ngwao ya bone e bile ba dumela fa molelo wa kgolagano o ba golagantse le gore ba tlaa bopagana le go nna le kagiso go simologa fela ko malwapeng le mo makalaneng ka go farologana a tshwana dikole le dikereke.
Molelo wa kgolagano o tlaa tsaya malatsi a supa mo mafelong ka go farologana mo toropo kgolo Gaborone pele loeto lwa one le fela ka boipuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOGODITSHANE
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 26 Sep 2016






