Breaking News

Seabe sa kereke se a lemotshega - Tshireletso

26 Sep 2016

Bomme ba lekgotla la dikereke la Botswana ke gore Botswana Council of Churches (BCC) ba ne ba phuthegetse mo Gaborone go tshwara merapelo tebang le ipelelo boipuso jwa masome a matlhano a lefatshe leno.

Bomme go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng ba ne ba le teng. E rile a bua ko merapelong eo, mothusa tona wa tsa dikgaolo le thabololo magae, Mme Botlogile Tshireletso a re seabe sa bomme mo kerekeng e nnile se segolo ka jaana kereke e sale e simolotse pele ga boipuso mme ya tsisa dithabololo di akaretsa dikole ga mmogo le dipatela.

Mme Tshireletso a re e re le ntswa bogologolo batho ba ne ba sa gololesega go rapela mo pontsheng, ba rapela ka go iphitlha, kereke e kgonne go sokolola  motho ya mo ntsha mo mekgweng e e bosula jaaka bogodu le dipolaano, mme a kaya fa e rotloetsa bana go dira ditiro tse di molemo jaaka go tlotla batsadi.

O tlhalositse fa lefatshe leno le bone boipuso ka lebaka la gore ke tshaba ya borapedi, a tlatsa ka gore lefatshe le, le tswa kwa itsholelong e e ko tlase mme la tlhatlogela ko go e e fa gare ka ntlha ya thapelo.

Erile a a fa dikai ka fa lefathse leno le neng le ntse ka teng pele ga boipuso, Mme Tshireletso a re bogologolo e ne e le mathata fela ka jaana go ne go sena ditsela, metsi a tsewa mo megobeng mme e bile a ne a sa babalesega go nowa.

A re ka dithapelo go ne ga nna le diphetogo, e bile lefatshe leno la rena ka puso ya batho ka batho, a tlhalosa e le selo se se beileng lefathse leno mo bontleng fela thata ka serodumo seo.

Le fa go ntse jalo, Mme Tshireletso o kopile bomme ba merapelo go tswelela le dithapelo ka jaana go na le dingwe tse di sa siamang mo lefatsheng leno.

O kaile fa tlhakanelo dikobo ya bana e le selo se se batlang go bewa fa pele ga Modimo ka jaana e ba biletsa malwetse a dikobo, go ima ba sale ba botlana mo go ka bakang diphatsa.

Mme Tshireletso a re tlhakanelo dikobo e, e felela e dira gore bangwe ba senye boimana mme ba nne mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse kana go latlhegelwa ke matshelo.

Fa a tswelela, o ne a rotloetsa bomme ba merapelo go ema ba rotloetsa molao o o neng wa ntshiwa wa gore setlankana sa ngwana sa matsalo se supe leina la ga rangwana  ka jaana se se ka thusa gore ngwana mongwe le mongwe a itse batsadi ba gagwe ka bobedi.

E rile a akgela kwa merapelong eo, mookamela lephata la tsa bong Mme Thapelo Phuthego a tlhalosa fa tota lefatshe leno le atlegile thata fa go tsena mo mererong ya tsa bong.

Mme Phuthego a re go tswa goo lowe, lentswe la ga mme le ne le sa utlwale ka jaana a ne a sa fiwe sebaka sa go ka ema go bua ka tse di amang bomme.

A re bogologolo motho wa mme o ne a sena sebaka sa go dira ditiro dingwe jaaka go bereka mo meepong, a tlhalosa fa ba ne ba godisiwa go nna ngwetsi ya motia mme eseng go nna moeteledipele.

Le fa go le jalo, Mme Phuthego a re mo nakong ya gompieno seabe sa ga mme se tsewa tsia ka jaana fela jaaka motho wa rre, mme o kgona go nna moeteledipele e bile o kgona go tsena mo ditirong tsa sesole le bo enjeneere.

O ne a tlhalosa gape fa mo bogompienong ngwana mongwe le mongwe a na le sebaka sa go ya sekoleng go sa kgathalesege gore ke mong a tlatsa ka gore lekalana la Gender Affairs le leka ka bojotlhe go thusa bo mme gore lentswe la bone le utlwale.

Erile a amogela baeng ko merapelong, morulaganyi wa bokopano joo, Mme Bonolo Burns a tlhalosa fa merapelo eo e ne e rulagantswe ka maikaelelo a go lebogela Modimo pabalelo le lerato le a le fileng setshaba sa Botswana go tla go fitlha mo dingwageng tse.

A re maikaelelo gape e ne e le go ipelela seabe se kereke e nnileng le sone fa e sale ka nako ya boipuso, ga mmogo le bokgoni jwa bomme ka jaana e le bone lesedi la lefatshe, a tlatsa ka gore ditiro tsa bomme mo lefatsheng di dira lesedi le le bonesang go kganela lefifi.

Moruti Malebogo Mothibi wa UCCSA le ene o ne a iteela kobo moroko ka go gakolola bomme go leba ko morago mme ba leboge Modimo ka jaana bogolo jwa gagwe bo supagetse mo dingwageng tse di masome matlhano.

A re bomme ba tswhwanetse go ipotsa gore fa e kabo e ne e se ka Modimo, go ka bo go ntse jang mo lefatsheng le, mme a ba kopa go ipela ka jaana tshireletso ya Modimo e ba apere e bile e tlaa tswelela ka go apara lefatshe leno.

Kokoano eo e ne e rulagantswe ka fa tlase ga setlhogo se sereng ‘Ebenzer’ ke gore ‘Modimo o re gorositse fa’, seo e le gone jaaka bomme ba merapelo ba rapelela lefatshe le jaaka le ipelela boipuso jwa masome a matlhano, bomme ba ne gape ba rapela go ema kgatlhanong le tsotlhe tse di bosula jaaka bolwetse jwa HIV/AIDS, dikotsi, le malwetse a mangwe a a gapang matshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kelebogile Taolo

Location : GABORONE

Event : Merapelo ya dikereke

Date : 26 Sep 2016