Breaking News

Balekane ba Botswana ba supa boitekanelo

25 Sep 2016

E re ka jaana lefatshe leno le saletswe ke malatsi a se kae fela gore le ipelele dingwaga di le masome a matlhano le ipusa, balekane ba Botswana ba kgaolo ya Kgatleng le bone ba ne ba supa fa le bone ba sa ntse ba itekanetse ka go dira mogwanto.

Mogwanto oo, o ne o simolola kwa motseng wa Sikwane go ya go tsena mo Mochudi wa sekgala sa dikhilomithara di le masome a matlhano e le tsela ya go supa fa le bone ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano mme ebile ba santse ba itekanetse.

E ne ya re a ba amogela mo boemong jwa bagolwane ba kgaolo ya Kgatleng, molaodi wa kgaolo,  Rre Mompoloki Mochanang a bolela fa e le ditso mo kgaolong ya bone mme e bile le mo lefatsheng ke bone balekane ba ntlha go dira mogwanto wa sekgala se setona.

O boletse fa ba supile gore e le ruri ke balekane ba Botswana a tlatsa ka gore ba supile gape gore ba rata lefatshe la bone.

Molaodi o tlhalositse fa ba le motlotlo fela thata ka se balekane ba Botswana ba kgaolo ya Kgatleng ba se dirileng a tlatsa ka gore ke tiro e ntle thata e le ene  a yang go e bega le ko bagolwaneng e le tsela ya go supa gore mo kgaolong ba gatetse pele ka go ipaakanyetsa boipuso jwa ngwaga ono.

E rile a bua ka mosepele wa bone, mothusa molaodi Mme Lydia Keatlholetswe a bolela fa mosepele wa bone ba o simolotse ka nako ya bosupa mme ba gorogile mo Mochudi ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya boraro.

O tlhalositse fa ba tsamaile sentle go sena mathata ape a supa gape gore ba ne ba na le ba booki le ba sepodisi go netefatsa gore ba sireletsegile mo mosepeleng oo.

Mme Keatlholotswe o ne a akgola ba Sedco seabe sa bone mo mogwantong a re ke bone ba ba neng ba ba thusa ka madi a a kanang ka P1 000 wa go reka metsi a ba neng ba a nwa mo tseleng a tlatsa ka gore le ba ofisi ya BOT50 ba ba file P1 000.

Fa a ba fa lefoko la kgothatso, Rre Basiki Lebekwe o ne a ba tlhalosetsa fa ba tshwanetse go leboga Modimo dinako tsotlhe a supa fa e se mang le mang  yo o gorogileng mo dingwageng tsa bone.

A re ba kgonne seo ka ntlha ya mautlwelobotlhoko a Modimo a tlatsa ka gore o itse sentle gore ba nnile le dikgwetlho mme fela se setona ke go itumelela gore ba gorogile mo dingwageng tse ba leng mo go tsone.

O ba kgothaditse go tshela botshelo jo bo nang le maikaelelo le maikemisetso a tlatsa ka gore go dira jalo ka bonosi ba tlaa tshela botshelo jo bo siameng.

E ne ya re a leboga, mongwe wa balekane ba Botswana Rre Aron Kgosi a leboga ba ofisi ya ga molaodi ka go ba ema nokeng mo mogwantong wa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mofaladi

Location : SIKWANE

Event : Mogwanto

Date : 25 Sep 2016