Spar se abela baithuti
25 Sep 2016
Madirelo a Spar kwa Tutume le abetse baithuti ba le masome matlhano ba sekole se se botlana sa Tutume dijesi le ditlhako tsa sekole tse tsotlhe di lopileng madi a P12 000.
E rile fa a rola dimpho tseo kwa sekoleng seo ka Laboraro, modiri kwa Spar Rre Tebagano Bagwasi o ne a bolela fa ba tlhophile sekole seo ba le mo moonong wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso la go tsaya sekole go se tlhokomela.
Rre Bagwasi a re gape ba ne ba bona go tshwanela go direla setshaba sengwe e le mowa wa go leboga bareki ba bone ka mabogo dinku a thebana.
A re se se tlaa tsisa pharologanyo mo baithuting bao, ba ntshe mowa wa boitlhobogo mme seo se tlaa ba tiisa moko, ka jalo ba tlhwaafalele dithuto tsa bone.
O ile a tlhalosa fa ba ne ba kokoanya madi ka go apara diaparo tsa bone e seng paka ya mmereko ka Labotlhano mongwe le mongwe mme ba ntsha P5.
A re ka seo ba ne ba kgona go kokoanya P4 000 fa P8 000 a tswa kwa lebentleleng la Spar mme tshoboko ya madi ao ke one a ba a dirisitseng go reka dimpho tseo.
Rre Bagwasi o tsweletse a bolela fa ba tlaa tswelela jalo ba tshwaragane le sekole seo go bona gore ba tshwaraganela tlhaelo e e mo sekoleng le mo baithuting go bona gore bana ba kgona go fitlhelela ditoro tsa bone tsa go bona thuto go sena sekgoreletsi sepe.
O ne a gatelela ka gore seo ba ka se kgona fela fa ba ka nna seopo sengwe e le ba Spar, batsadi le barutabana ba sekole seo sa Tutume mme ba tswe ka megopolo e e tlaa fedisang letlhoko mo baithuting.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tutume, Mme Vinga Mongwaketse a re lebentlele leo ga se la ntlha ba thusa sekole seo ka ba ageletse tshingwana ya merogo e bile ba a e tlhokomela.
Mme Mongwaketse o tlhalositse fa sekole seo se na le baithuti ba le makgolo a robabobedi le masome a robabobedi le bone mme palo eo e nna e oketsega nako le nako.
O ne a re puso e leka ka bojotlhe go thusa bana ba ba tlhokang mme ka lebaka la tlhaelo ya madi, ga e kgone go ka ba thusa botlhe.
Gape o ne a leboga lebentlele la Spar le badiri ba lone go bo ba ne ba bona go tshwanela go thusa bana bao ba ba sa kgoneng go thusiwa ke ba boipelego.
Mogolwane wa lephata la thuto wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Maggie Ngache o ne a leboga lebentlele leo go bo ba diragaditse lengwe la matshego a tebelopele ya 2016 a setshaba se se kutlwelo botlhoko se se tlhokomelang batho botlhe.
Mme Ngache o ne a gwetlha batsadi go tlhokomela bana dinako tsotlhe ka go bona gore ba ya sekoleng ba le phepa e bile ba bone sengwe go tshwara logaba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : TUTUME
Event : Kabo dimpho
Date : 25 Sep 2016






