Kgolegelo e rutile Setso go le gontsi
25 Sep 2016
Rre Gasegope Setso wa Shoshong a re o ithutile go le go ntsi a bo a ikaga mo lebakeng la fa a le kwa kgolegelong.
O tlhaloseditse ba BOPA fa a ne a ile koo ka molato wa go thuba le go utswa mo lebentleleng, mme a atlholelwa dingwaga tse pedi mo kgolegelong, a re mo go direng molato o, o ne a tsamaya le basimane ba ba ditlhogo di thata ba ba senyang mme ba mo tlhotlheletsa go ba sala morago.
A re le fa go ntse jalo, mo go nneng ga gagwe koo, o itemogetse a bo a ithuta dilo di le dintsi.
A re fa motho e le legolegwa go nna le ditshwanelo dingwe tse a di amogiwang, a re se se a bo se sa dirwe ka kgokgontsho mme go dirwa ka maikaelelo a go tsenya motho wa go nna jalo mo tseleng, a tswelela ka gore mme e bile mo godimo ga moo go na le dithuto tse di rutwang, motho a lemotshiwa pharologanyo e e tletseng ya molemo le bosula.
“Fa gongwe re dira dilo re tshameka re sa itse fa re dira molato,” a bua a kaya fa a nnile gape le sebaka sa go ithuta ka tsamaiso ya tsa semolao, e bile jaanong e le motho yo o nang le boikarabelo.
Rre Setso o ne a tswelela ka go tlhalosa gore go na le lenaneo la go tsena dithutuntsho tse di farologaneng go akarediwa go betla, go roka le tse dingwe go tswa fela gore motho o itlhophela eng se a se ratang.
A re mme gone fa, o ne a bona sebaka sa go ithutuntsha mo go tsa go roka le go betla mo a go tsereng ka tlhwaafalo, mo e rileng fa nako ya go gololwa e tla a bo a na le dikitso tse di rileng.
Le ntswa go ne go se motlhofo, a re o ne a seka a nna fela ka dikitso tsa gagwe ka a ne a kwadisa le go simolodisa kgwebo e e bidiwang Mothaono Upholstery e e itebagantseng le go dira le go gweba ka dithoto di akaretsa dibeke tsa letlalo, ditlhako, go dira ditilo tse di farologaneng le mesangwana ya tsone.
A re le ntswa kgwebo ya gagwe e simolotse dingwaga tse di lesome le bobedi tse di fetileng ga a ise a kgone go bona dipoelo tse di kalokalo, fela bonnye jo a bo boneng bo tsisa pharologanyo mo botshelong ja gagwe.
Ka maiteko a go oka bareki, Rre Setso o tswakanya dithoto tsa gagwe le go di tsenya mekgabisa e e nang le bokao ja ngwao ya Setswana.
‘Ke kgabisa dibeke tsa bomme ka mmala wa leteisi o ke itseng gore o tsamaelana le e ba e aparang fa ba ya ditirong tsa Setswana di tshwana manyalo, dipatlo le go tsena diphuthego tsa kgotla,’ a bua a kaya fa bomme ba di kgatlhegela e bile ba di reka ka bontsi ka ba rata go apara diaparo tse di tsamaelanang.
O tlhalositse fa mo nakong ya gompieno a ise a bone dithuso dipe tsa madi, mme ba lenaneo la nyeletso lehuma ba mo solofeditse dithuso tsa go nna jaana.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Boitshepo Setogile
Location : SHOSHONG
Event : Potsolotso
Date : 25 Sep 2016






