Breaking News

Matlakala a ka tlhama mebereko

25 Sep 2016

Mogolwane go tswa kwa lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae Rre Patrick Keongadile o rotloeditse botlhe go tsaya boikarabelo jwa go somarela matlakala ka e le teemane e batho ba kaitshetsang ka yone.

Rre Keongadile yo a neng a bua kwa Hatsalatladi ka letsatsi la kabo dimpho la metse e e gaisitseng e mengwe ka bophepa kwa kgaolong ya Kweneng, a re banana ba ba sa berekeng ba ka itlhamela ditiro ka go fetolela matlakala mo tirisong le go rekisa tse di dirilweng ka one.

A re kabo ya dimpho e tsile ka nako e e siameng jaaka Batswana ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa. Are ipelelo boipuso e tla direlwa mo tikologong e e phepa, a supa gape fa le setlhogo sa letsatsi leo se se sereng: Lefelo la Rona, Lebopo la Rona ke Boikarabelo jwa Rona, se iteile kgomo lonaka ka se kaya tshaba e e itekanetseng e bile e le gaufi le modimo.

O ne a gatelela botlhokwa jwa gore fa go senang bophepa teng, ga go nne le botsogo jo bo siameng. A re bophepa ke pilara ya botshelo ka jaana tikologo e seng phepa e sa siamela botsogo jo bontle.

A re Batswana ba tshwanetse ba tsaya boikarabelo le go ikitaya kathupana go phepafatsa malwapa le tikologo e bannang mo go yone. Rre Keongadile a re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tshegetsang letsatsi la phepafatso mo dingwageng tse tlhano ka go latelana.

A re gona le matlakala a jaaka maokwane a a dirisitsweng tse di tshololwang go sena pabalesego, tse kwa morago di felelang dikgotlela tikologo le metsi a kwatlase ga lefatshe. Mokhanselara Tshenolo Leshomo a re maikaelelo a letsatsi e ne ele go gasa molaetsa ka bo diphatsaba jwa go sa tshwareng matlakala sentle.

Mahetlwe e ne ya gapa maemo a ntlha mo karolong ya metse e mennye, Kopong e tsere maemo a ntlha mo metseng e fagare. Molepolole o ne a kgaogantswe ka dikgaolo dile tharo mme maemo a ntlha a ikgapelwa ke kgaolwana ya Boribamo west. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Dinah Mfulwane

Location : HATSALATLADI

Event : Letsatsi la kabo dimpho

Date : 25 Sep 2016