Botlhokatsebe bo busetsa sekole kwa morago
25 Sep 2016
Botlhokatsebe jwa bana ba sekole se segolwane sa Maiteko kwa Mabutsane bo tshwentse mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile
Rre Ntlhaile o kaile fa go tlhoka botho, go tlhoka tsebe, go ngwega kwa sekolong mo go dirwang ke baithuti, go sa siamela bokamoso jwa baithuti ka jaana go tsile go ba senyetsa bokamoso.
O buile fa go tlhoka botho go dira gore sekole se seka sa dira sentle fa maduo a ditlhatlhobo a tswa.
A re go ngomola pelo thata gore e re puso e phuthulotse letsogo mo go feng thuto mahala e bo baithuti bone ba sa sekegele tsebe barutabana le gone go dirisa sebaka eo.
Rre Ntlhaile o kgothaditse batsadi go ema ka dinao go kgalema bana ba bone le gone go thusa barutabana mokgweleo wa go ruta.
O gateletse fa thuto e le bolhokwa thata mo botshelong jwa gompieno ka jaana sengwe le sengwe se tlhokana le gore motho a bo a na le kitso e e rileng gore a gatele pele.
O kaile gore fa batsadi ba ka ititaya sehuba go tshwaraganeleng thuto ya bana le barutabana motse wa Mabutsane o ka alosa baithuti ba ba ka tsogang ba gatetse pele mo lefatsheng ka tsa maranyane le dipalo go tlhabolola motse wa bone.
Mo go tse dingwe, Rre Ntlhaile o boleletse banni gore kokelwana ya bone e tlaa okediwa mo lenaneong la ditlhabololo tsa lefatshe la lesome le bongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keabetswe Gobatlwamang
Location : MABUTSANE
Event : Phuthego ya sekolo
Date : 25 Sep 2016




