Mananeo a tlodisa melatswana-kgosi
22 Sep 2016
Mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse ka go amogelwa sentle mo metseng ka go farologana mo lefatsheng la Botswana.
Fa a bua mo potsolotsong, Kgosi ya Tobela Major Kgotlayame Mphoyakgosi o boletse fa mananeo a puso a nyeletso lehuma a tsweletse sentle mo motseng, segolo jang a dihutshane ka gore one ga a tlhoke metsi a a phepa le motlakase, dilo tse pedi tse di seyong mo motseng wa Tobela.
Go sale foo, Kgosi Mphoyakgosi o supile matshwenyego ka bogodu jwa leruo bogolo jang jwa dihutshane.
O tlhalositse fa mo ngwageng ono, go setse go utswilwe dipodi di feta masome a matlhano, mme mo tiragalong e e neng ya gakgamatsa ba le bantsi gone ga utswiwa dipodi di le masome a mabedi le bosupa ka nako e le nngwefela ke bana ba Tobela ba dirisana le ba metse e e mabapi.
O tlhalositse gore e re ntswa dilalome tse di utswang leruo di tshwarwa ke ba sepodisi mathata e nna tiego ya ditsheko ntswa bosupi bo le teng.
Mo go tse dingwe kgosi o supile fa a itumedisiwa ke gore motse wa gagwe o akareditswe mo metseng e e amogetseng molelo wa Kgolagano ka kgwedi ya Seetebosigo.
Kgosi Mphoyakgosi o boletse fa molelo wa kgolagano o gokagantse motse wa Tobela le metse e mengwe mo Botswana bogolo jang ka gore go na le batho ba ba sa itseng gore go na le motse o o bidiwang Tobela.
O tlhalositse fa motse wa Tobela e le motse wa Bakaa o o simolotseng mo lentsweng la Manale ka dingwaga tsa bo 1800. Fa Bakaa ba ne ba fuduga mo lentsweng leo bangwe ba ne ba fudugela ko Shoshong mme bangwe ba fudugela fa Tobela a leng teng gompieno. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Tobela
Event : Potsolotso
Date : 22 Sep 2016






