Kgosi Babeile o leboga bagodi
22 Sep 2016
Kgosi Matshidiso Babeile wa motse wa Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi a re go botlhokwa go leboga batsadi le go ba tlhokomela ka ba dirile tiro e ntle mo kgodisong ya bana ba bone mo dinakong tsa bogologolo botshelo bo santse bo le bokete.
Kgosi o buile se Labone mo kgotleng kgolo ya motse oo jaaka a ne a diretse bagolo ba motse wa gagwe dijo tsa motshegare e le tsela nngwe ya go ba fa tlotlo le go ba lebogela seabe sa bone mo ditlhabololong tsa motse oo.
Fa a tlhalosa maikaelelo magolo a letsatsi leo, Kgosi Babeile o boletse fa e ne e le go lemoga bagolo ba motse oo, ditlhabololo tsa motse oo tse ba di dirileng tse di bonwang ka matlho gompieno ka mowa wa bopelotelele, boithapo le boipelego mo go tlhomamiseng gore motse oo o fetoga go nna se o leng sone gompieno.
O ne a galaletsa bogogi jwa motse wa Kisa jwa pele ba akaretsa, ba bogosi, makhanselara, ba komiti ya ditlhabolo, barutabana le bagolo ba motse oo ba bangwe ba bone ba sa tlholeng ba le mo botshelong bogolo jang ka ba simololetse ditlhabololo tsa motse oo fela mo legoeleleng.
Kgosi Babeile o kaile fa godimo ga botlhe a rolela hutshe bomme ka e le bone “ba ba tshwarang thipa ka fa bogaleng” e bile e le thari ya setshaba ka e le bone konokono mo kgodisong le tlhokomelo ya bana.
O kaile fa batsadi ba bogologolo ba ne ba lemoga fa thuto e le botlhokwa e bile e le boswa jwa sennela ruri ka jalo ba simolodisa sekole se sebotlana kwa motseng oo ka 1965 ka baithaopi ba barutabana pele ga puso e tsaya sekole seo ka 1973.
Dibui ka go farologana di ne tsa iteela Kgosi Babeile legofi ka tiro e ntle ya go gopola batlapele ba motse ka go tsaya boikarabelo le ponelopele gore motse wa bone gore o tlhabologe.
Mokhanselara wa pele wa motse, Rre Reemeleng Matswiri o ne a galaletsa Kgosi Babeile a supa fa se kgosi a se dirileng e le sone sesupo sa gore o rata le go tlotla batho botlhe mo motseng wa gagwe.
Rre Matswiri o ne a iteela kobo moroko mafoko a ga kgosi a gakolola thata banana gore ba seka ba ikgatholosa batsadi mme ba tseye boikarabelo mo matshelong a batsadi ba bone ka tlhokomelo le tlotlo tse di kwa godimo.
Fa a bua mafoko a tebogo, Rre William Dipheko yo le ene e kileng ya nna mokhanselara wa motse oo, o lebogile balemi-barui ba bangwe ba bone ba seong mo botshelong, baagi, baruti ba pele ba motse oo ka tiro e ntle e ba e dirileng gore motse o gole o bo o tlhabologe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Kisa
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Sep 2016






