Breaking News

Ba kgaolo ya Shoshong ba itumetse

22 Sep 2016

Banni ba kgaolo ya Shoshong ba itumeletse go bo ba nnile le sebaka sa go ka rutiwa ka tse di diragalang kwa palamenteng.

Banni bao go tswa kwa metseng ya Kalamare, Mmutlane, Shoshong, Ikongwe, Mokgenene, Mosolotshane, Otse, Kodibeleng le e mengwe ba ne ba tsene phuthego ya go isa palamente kwa setshabeng kwa Shoshong e buisiwa ke motsamaisa dipuisano tsa palamente Mme Gladys Kokorwe ka Mosupologo.

Ba ne ba supa fa phuthego e, e le mosola fela thata ka e ruta, e bile ba na le seabe mo mererong ya palamente ya lefatshe leno.

Banni bao ba ne ba  lebogela loeto lwa ga Mme Kokorwe le lekoko la gagwe, ka le ba rutile go le gontsi ka tsamaiso ya palamente, mme ba solofetsa gape fa ba tlaa kgaogana dithuto tseo le ba malwapa a bone ga mmogo le baagisani.

Le fa go ntse jalo,  banni ba ne ba kopa motsamaisa dipuisano tsa palamente go akanyetsa go supa diphuthego tsa palamente mo thelebishining ya setshaba.

Ba re le bone ba batla go nna le seabe kgotsa ba itseela ka tsebe se se buiwang kwa palamenteng, ba tlatsa ka gore bobegadikgang bo dira ka gotlhe go bolelela setshaba mme ba batla go iponela  mo thelebishining.

Ba ne ba kopa gore bogolo di gasiwe mo seromamoweng sa setshaba gore ba kgone go utlwa go santse go emetswe gore di gasiwe mo thelebishining ya setshaba.

Banni ba ne ba kopa gape gore go dirisiwe puo ya Setswana ka e le yone e mongwe le mongwe a e tlhaloganyang.

E ne e rile go le pele, motsamaisa dipuisano tsa palamente Mme Kokorwe a kgothatsa banni ba kgaolo ya Shoshong go tsena diphuthego tsa palamente kwa Gaborone.

Mme Kokorwe a re dipuisano tsa palamente di kgona go tsenwa ke mongwe le mongwe yo o batlang go bona gore go diragalang, a tlatsa ka gore e bile fa ba di tsene ba tlaa nna le sebaka sa go bona gore a mapalamente a bone a a ba buelela kgotsa jang.

O ne a tlhalosa gape gore motho yo o ka emelang bopalamente o tshwanetse a bo a le Motswana, a le dingwaga tse di lesome le boferabobedi kana go feta, a itse go bala le go kwala gape a kgona go bua Setswana le sekgoa. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Sep 2016