Makhanselara ba batla bagodi ba thusiwa sentle
22 Sep 2016
Makhanselara ba kgaolo ya Kgatleng ba boletse fa ba sa itumelele ka fa poso e thusang bagodi ka teng fa ba ba amogedisa dikatso tsa bagodi.
Ba supile matshwenyego ao mo bokopanong jwa khansele jo bo tsweletseng mo Mochudi ka Laboraro morago ga pego ya mogolwane wa poso Mme Esther Seoke, ba tlhalosa fa bontsi jwa nako bagodi ba ba ko dikgaolong ba sa amogele madi a bone ka nako.
Ba ne ba bua ba sa kgwe mathe ba tlhalosa fa dinako tse dingwe badiri ba poso ba ya dikgaolong ka madi a a sa lekanang mme a felela a tlhaetse bagodi ba tlatsa ka gore go ngomola pelo go bona bagodi ba sa amogedisiwa .
Mokhanselara wa kgaolwana ya Moshawana, Rre Joseph Setoutwe o boletse fa a itse sentle matshwenyego a bagodi a tlhalosa fa a sa dumalane le kgang ya mogolwane wa poso fa a ne a tlhalosa fa ba simolola go amogedisa bagodi ka letsatsi la ntlha la kgwedi go ya ko go la bofelo.
A re go le gantsi bagodi ba a sokola fa ba tsaya dikatso tsa bone a tlatsa ka gore le madi a bone a a ko morago go thata gore ba a duelwe mme o ne a kopa mogolwane wa poso go ya go baakanya dikgang tseo.
Makhanselara ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore ba tlaa batla pego e e tletseng go tswa kwa mogolwaneng wa poso ka Labotlhano le ditharabololo tsa dikgang tseo.
Mo kagnnyeng e ngwe ba ne ba supa gape gore Botswana Post ga e kope thuso mo mapodiseng nako e sa ntse e le teng fa ba ile go amogedisa bagodi mo dikgaolong mme ba tlhalosa fa seo e se mokgwa o o siameng ka ba felela ba amogedisa bagolo morago ga nako.
Ba ne gape ba kopa mogolwane go tokafatsa dikarata tse bagodi ba amogelang ka tsone ba supa fa dinako tse dingwe di na le go tlhoka go bereka sentle.
E ne ya re go le pele fa a ba baya pego pele, Mme Seoke go tswa kwa Botswana Post mo Mochudi a bolela fa matshwenyego a makhanselara a a utlwile mme a tlaa ya go sala dikgang tseo morago.
Le fa go ntse jalo a re go le gantsi fa ba ya go amogedisa bagodi kwa dikgaolong ba lebelela palo ya bagodi ba motse wa go nna jalo mme ba bo ba tsaya selekanyo sa madi ao le go feta a tlatsa ka gore ga a ise a ele tlhoko gore go na le kgang ya madi a a tlhaelang ka a le mosha mo kgaolong.
E re dikgang di eme jalo makhanselara ba ne ba supa matshwenyego ka dithoto dingwe le dikoloi tse di tswang ko mafatsheng a mangwe ba tlhalosa fa di sena boleng ba supa fa dikoloi tsone di kgotlela loapi.
Ba ne ba bua mafoko ao morago ga pego ya ga Rre Bofeto Lekone go tswa ko lekalaneng la Botswana Bureau of Standards (BOBS).
Makhanselara ba boletse fa ba ipotsa gore a mme lekalana leo le dira tiro ka bonatla,ka go na le dithoto dingwe tse baji bareki ba di rekang mme di sena boleng ba tlhalosa fa Batswana ba jewa ntsoma.
Mokhanselara wa Mosanta, Rre Kgosietsile Mooketsi o kopile ba BOBS go netefatsa gore ba sekaseka boleng jwa dithoto tsotlhe a tlatsa ka gore go tlhoka go dira jalo go tsenya matshelo a baji bareki mo diphatseng.
Fa a tswa la gagwe Rre Lekone go tswa ko BOBS o boletse fa go sena sepe se ba sa se sekasekeng go bona gore boleng jwa sone bo siametse baji bareki.
O boletse fa ba leka ka bojotlhe go netefatsa gore a ga gona sepe se se tsenang mo mmarakeng se se ka tswang se ka tsenya baji bareki mo kotsing. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Bokopano
Date : 22 Sep 2016






