Breaking News

Ipaakanyetso boipuso e tsweletse sentle

22 Sep 2016

Metse le metsana e tsweletse ka go ipaakanyetsa letsatsi la kgwedi ya Lwetse e le masome a mararo fa lefatshe leno le tlaa bo le ipelela dingwaga tse di masome a matlhano le ntse le ipusa.

Ngwaga le ngwaga fa kgwedi ya Lwetse e ya bokhutlong lefatshe la Botswana le ipelela boipuso jwa lone,go tswa mo lefatsheng la ga mmamosadinyana.

Se se builwe ke Kgosi Senau Ramaribana wa motse wa Setsile mo kgaolong-potlana ya Mahalapye mo potsolotsong bosheng.

A re mmamosadinyana o fitlhetse lefatshe la Botswana le humanegile fela thata le kaiwa e le lengwe la mafatshe a a sekaka mo Afrika, go bolelwa fa le sena ditswammung.

Kgosi a re o leboga mmamosadinyana go seka go ipona tsapa mo go sireletseng lefatshe leno ka go ne go kaiwa le sena dikhumo dipe mme ene a tsena mo go lone.

Mme a tlhalosa fa Botswana a bone boipuso ka ngwaga wa 1966,a tlatsa ka go akgola dikgosi tse tharo tse di dirileng gore Botswana a bo a le fa a leng teng gompieno.

“Go ne go se motlhofo go kopa boipuso kwa ga mmamosadinyana mme fela re ne ra kgona ka thuso ya Modimo,”a tlhalosa.

E re go le jalo,o boletse fa dipaakanyo di tsamaya fela sentle go sena mathata ape a a kalokalo.

A re dipaakanyo di dirwa ke komiti ya boipuso e le yone e eteletseng banni ba motse oo pele go rurifatsa fa tsotlhe tse di tlhokwang di nna teng.

O supile fa batho ba motse wa gagwe botlhe ba tsere karolo go baakanyetsa boipuso.O tlhalositse fa dipaakanyo tsa boipuso di tlhoka go tshwaraganelwa e se tsa bo kgosi le di komiti tsa ditlhabololo tsa metse,a tlatsa ka gore mo Setsile ba ngatana e nngwe fela go baakanyetsa letsatsi leo.

A re o kopile banni go kgabisa metlaagana ya bone ka mebala ya Botswana go supa fa boipuso jwa gompieno e le jo botona fela thata e bile go ka thusa le go lootsa maikutlo a boipuso.

“Rona mo Setsile re gatetse pele ka go kgabisa,re kgabisitse ditlhare le matlapa ka mebala ya folaga ya Botswana gore fa bahiti ka tsela ba feta ka motse wa rona ba bone gore sengwe se teng mo motseng o,  ba bone ka fa o kgabileng ka teng,”a tlholsa.

E re go ntse jalo, a re komiti e bereka bosigo le motshegare go kgobokanya madi, go oketsa a ba a filweng ke puso. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Johannes

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 22 Sep 2016