Ikanyeng dibuka mo botshelong - Kebonang
21 Sep 2016
Mothusa tona wa lephata la peeletso, papadi le madirelo gape e le mopalamente wa kgaolo ya Lobatse, Advocate Sadique Kebonang o kgothaditse baithuti ba sekole se segolwane sa Pitikwe go ikanya dibuka gore ba atlege mo botshelong.
Advocate Kebonang o dirile kgothatso eo, ka Lwetse a le 16, jaaka go ne go tshwerwe letsatsi la kabo dimpho go lemoga ba ba dirileng ka bokgabane mo dithutong tsa bone go akaretsa baithuti le barutabana ba ba dirang tiro ya bone ka natla,le go bula semmuso sefikantswe sa BOT50 (BOT50 Monument), se se dirilweng go supa gore sekole seo le sone se ipelela boipuso.
Mothusa tona o gwetlhile baithuti go akanya dilo tse ditona mo botshelong, mo dithutong, ka ditalente tsa bone, ba nne boikanyego le gone go reetsa dikgakololo tsa batsadi a re fa ba ka dira tsotlhe tse di botlhokwa ba ka fitlhelela ditoro tsa bone.
E rile a ema mogolwane wa lephata la thuto mo kgaolong ya Borwa Rre Agro News Maseko a bolelela barutabana le baithuti gore bontle bo a itirelwa, a tlatsa ka gore mogokgo le mothusa-mogokgo ba sekole seo o dira tiro ya bone ka natla, barutabana le komiti ya batsadi le barutabana mme sekole se ntshe maduo a mantle a a boletseng fa lephata le a lebogela.
Rre Maseko o gakolotse baithuti go tlhwaafalela dithuto tsa bone, go nna ditsala le dibuka gore ba ntshe maduo a mantle a a reng a dira gore motho a nne se a batlang go nna sone mo isagong, a re mme se ba ka se kgona fela fa ba ka supa bokgoni le go tlhwaafalela dithuto tsa bone.
O tsweletse a supa gore dingwaga tse tharo tse di fetileng tse di tlhomagane maduo a sekole sa Pitikwe a golela pele, a tlatsa ka gore se ka ikanngwa ka jaana se ne se tsere maemo a lesome le borataro lefatshe ka bophara.
Rre Maseko a re sekole se se ntsha dipalo tsa bana ba bantsi ba ba dirileng sentle go ya kwa dikoleng tse dikgolwane, a tlatsa ka gore kabo dimpho e kgothatsa gore ba dire go feta go nna baithuti ba tlhwatlhwa ba ba nang le boleng.
Mo go tse dingwe, Rre Maseko o boletse gore, go okediwe, gape go bo go tokafadiwe maduo ka gore banaleseabe botlhe ba nne ba etela sekole jaaka baruti,le setshaba ka kakaretso go thusa baithuti, go tshwaragana lefatshe lotlhe jaaka go ipelelwa dingwaga tse di masome a matlhano a boipuso.
Mothusa mogokgo wa sekole seo Mme Gaolapelwe Malepa o supile gore maikaelelo magolo ke go ipela le lefatshe jaaka go ipelelwa dingwaga tse di masome a matlhano a boipuso, go itumelela go dira ka natla le go tswelela go dira jalo go ya kwa pele.
Mme Malepa a re faesale sekole se se nna teng ka ngwaga wa 1996 ba dirile ka thata go ntsha baithuti ba tlhwatlhwa.
A re ba thusitswe ke kompone ya Vertico Productions go rekela bana ba ba dirileng go gaisa dimpho go ba rotloetsa go tswelela ba dira ka natla, le go kgothatsa ba ba sa tseyeng sepe go tsenya marapo mo dinameng mo tirong ya sekole ka e le bokamoso jwa bone.
Baithuti ba ba gaisitseng ba ne ba rotloediwa ka go fiwa dietsele ditlankana le sekete sa dipula, mophato mongwe le mongwe go simolola ka mophato wa ntlha go fitlha ka wa boraro.
Mme barutabana le badiri le bone ba ba gaisitseng ba ne ba ikgapetse, seetsele le sekete sa dipula le setlankana.
E rile a leboga mogolwane mo lephateng la thuto Rre Tshiamo Rakgabo, a leboga ba kompone ya Vertico Productions ka tiro e ntle ya go rotloetsa baithuti, a tlatsa ka go gakolola baithuti gore katlego ga se tiro ya nakwana, ke tiro e e batlang gore barutabana le baithuti ba tshegetse maemo a ba batlang go nna mo go one kana ba dire go feta foo,a tlatsa ka gore baithuti ba ipele mme ba ntse ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa bone.
Kabo dimpho e e ne e tshwerwe ka setlhogo se se reng go tsaya karolo ga banaleseabe go rotloetsa bokamoso selotlolo sa katlego ya dithuto. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Kabo dimpho
Date : 21 Sep 2016






