Leruo le tlhasetswe
21 Sep 2016
Mongwe wa barui ba ba ruetseng ko morakeng wa Mheelo mono Kanye Rre Rabotlhale Kesupile o tlhagisitse barui ka ene ba meraka ya kgaolo eo, go nna podi matseba tebang le borukutlhi jo bo tlhagogileng ko lefelong leo bosheng.
Rre Kesupile o buile se mo potsolosong le BOPA bosheng, a tlhalosa fa dikgomo tsa gagwe go supega di ne di tlhasetswe ke dirukutlhi, a re mme go na le go di utswa ba ne ba di koafatsa ka go di tlhaba ka sengwe se se bogale mo mokwatleng, mme tsa tswa dintho tse di masisi a tlhalosa fa dikgomo tse di amegileng ka palo di ferabongwe.
O tlhalositse fa tiragalo eo e le ya bosheng, le gore dikgomo tseo di ne tsa lemogwa mo mosong fa di phuthiwa go tswa kwa mahudisong go ya go nwa ko letamong la Gampudi gaufi le motse wa Moshana.
Rre Kesupile a re go ya ka ene borukutlhi jo bo bosha,ka jaana bo sa tlhaloganyesege e bile bo sa tlwaelesega, a re ka jalo o kgothatsa barui ba Mheelo go ela tlhoko loruo lwa bone letsatsi le letsatsi tebang le se, a supa fa ene a lemogile dikgomo tsa gagwe morago mme go belaetsa di na le malatsi a feta bongwe di ntse di gobetse ka jaana dingwe tsa dintho di ne di setse di bodile e bile di tswa diboko.
O tlhalositse fa a begetse ba sepodisi le ba lephata la bokenti ka tiragalo e. Rre Kesupile a re mo nakong eno o tsweletse ka go alafa dikgomo tsa gagwe ka melemo ya loruo ya dintho.
Fa a tswa la gagwe mogolwane wa mapodisi a Sejelo mo Kanye Suprientendent Sello Ntwaagae o rurufaditse fa e le nnete ofisi ya gagwe e begetswe ka borukutlhi joo bosheng.
Mogolwane wa mapodisi a re mme ga go na ope yo o tshwerweng le fa e le mmelaelwa tebang le borukutlhi joo, a tlhalosa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse mabapi le tiragalo eo, le ene o boletse ka dikgobalo tseo tse di akaretsang go gobala ga mokwatla, serope le mogatla.
Superintendent Ntwaagae a re tiragalo eo ke bosetlhogo jo bo maswe, mme a kopa setshaba gore le fa motho a ka tswa a sa itumedisiwa ke sengwe a seka a itseela molao mo diatleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : Kanye
Event : Potsolotso
Date : 21 Sep 2016






