Breaking News

Phepafatso tikologo e botlhokwa

21 Sep 2016

Mothusa  tona wa peeletso papadi le madirelo  gape e le mopalamente wa Lobatse, Advocate Sadique Kebonang   a re  tiro ya phepafatso tikologo e botlhokwa fela thata ka gore go beilwe botshelo bongwe le bongwe  mo tikologong.

Advocate Kebonang  o buile se jaaka ba  khansele ya Lobatse le setshaba ka kakaretso ba ne ba tshwere  letsatsi la go ipelela phepafatso tikologo mo  Lobatse a tlatsa ka gore Motswana ke motho yo o phepa yo o ithatang, a re a le tikologo e nne phepa ka dinako tsotlhe.

Mothusa mmatoropo wa  Lobatse, Rre  Francis Mokwena a  re  phepafatso tikologo e tshwaraganelwe gore go nne le tema.

Rre Mokwena a  re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya karolo gape le gore go itshekatshikiwe gore tse di kgonnweng  ke dife, le gore go padile dife, a re a e seka ya nna maikarabelo a khansele e le nosi fela.

O tsweletse a   re phepafatso  e simolola ka mmele le bonno jwa motho ka bongwe, tikologo ya gagwe mme a kopane le ba bangwe go phepafatsa tikologo.

Rre Mokwena  a re   fa go le phepa mo lefatsheng leno, le mo toropong ya Lobatse go ka okela babeeletsi mo  Botswana, le ba dikgwebo ka go farologana ga tsone, ba tlise ditlamelo gaufi.
O tsweletse a gwetlha   botlhe   go dira ka natla go na le go nna boitseme a re ba dirise matlakala gape go itlhamela ditiro, go itshetsa.

A re   gape ba tshwanetse go itse ka fa matlakala a tshwarwang ka teng, a babalelwe.

Mogolwane wa botsogo kwa khanseleng ya   Lobatse,   Rre Morgan Segokgo  a re maikaelelo  magolo ke go dira tshireletso tikologo  ya sennela ruri le go ruta setshaba ka phepafatso tikologo, go ba tsibosa gore ba phepafatsa jang ka go bua le bogogi jwa metse jaaka dikgosi, baagisanyi le dikomiti tsa motse.

Rre  Segokgo a re ba leka gore batho ba  lemoge  gore mo malatsing ano matlakala a ka dirisiwa go tokafatsa botshelo le itsholelo, le go fokotsa tiriso ya dilo.

Mo letsatsing le gape go ne go abelwa ba ba dirileng ka botswapelo phepafatso ya bone go akaretsa dikgaolwana, dikole le madirelo, mo dikgaolwaneng  tse di phepa mme maemo a ntlha a ikgapelwa ke kgaolwana ya  BMC/Maokana  ka  go itseela seetsele le madi a sekete,makgolo a marataro a dipula le setlankana a longwa serota ke ya Boswelatlou,le Peleng East.

Mo dikgaisanong tsa dikole tse dipotlana  sekole se sebotlana  sa Newlook se tsere maemo a ntlha go ikgapela seetsele le madi, sekete makgolo a mararo a dipula.

Dikole tse dikgolwane tsone maemo  a ntlha a ne a gapiwa ke sekole sa ipelegeng go gapa seetsele le madi, sekete makgolo a mararo a dipula, fa tsa madirelo  maemo a ntlha a gapilwe ke kokelwana ya Peleng East go gapa seetsele le madi a sekete makgolo a mararo a dipula.

Go ne ga lemogiwa bao ba ba tshwereng ka natla go busetsa gape matlakala mo tirisong, fa ba  ba dirang ka tshipi maemo a ntlha a gapilwe ke Rre Basupa Koketso, a ikgapela  madi, makgolo a a supang  a dipula le setlankana.

Mo go ba ba dirisanng  raba kgotsa thaere maemo a ntlha a gapilwe ke Ngongora Mabesi fa mo go ba pampiri maemo a ntlha a gapilwe ke Tebogo Ntwaagae. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : Lobatse

Event : Ipelelo phepafatso

Date : 21 Sep 2016