Breaking News

Mogokgo o rotloetsa baithuti go sa ineela

20 Sep 2016

 Mogokgo wa sekole se segolwane sa Mojamorago kwa Botshabelo o rotloeditse baithuti go bereka ka natla mo dithutong tsa bone ntswa sekole sa bone se le kwa mahure kwa toropong ya Selebi Phikwe.
Fa a bua kwa kabong dimpho ya sekole seo Mme Boitshwarelo Khalipha a re ngwaga wa masome a matlhano a boipuso o supa kgolo mme o dumela gore go tlaa nna le phetogo mo maduong a mophato wa boraro wa Junior Certificate mafelo a ngwaga.
O ne a re ntswa sekole sa Mojamorago se le kwa mahure ga se gore ditlhaloganyo tsa baithuti di kwa mahure ka sekole seo se ntshitse badiredi ba lefatshe jaaka dingaka, barutabana, ba tsa itsholelo fela jalo jalo.
O ne a supa gore mo dikoleng tse dikgolwane tsa toropo eo ba lwa e e mashetla le dikole tse dingwe mme kgaisano e thata ka ba paletswe ke go tsena mo go tse di masome mabedi tse di gaisitseng lefatshe mme tsone di kgonne go nna dingwe tsa tsone.
O ne a supa fa ba lebane le kgwetlho ya go fetola boitsholo jwa baithuti ka bangwe boitsholo jo bo makgwakgwa bo rotloediwa ke kwa malwapeng le dipuo tsa batho gore ke bana ba Botshabelo mo go sa siamelang kgodiso ya ngwana. O ne a gakolola baithuti gore go nna kwa Botshabelo ga go reye gore ga ba kake ba kgona ka ke lefelo fela jaaka mafelo a mangwe mo Selebi Phikwe mme e bile ba akole tsotlhe tse di fiwang ngwana yo o golelang mo toropong mo go tsa thuto.
Mme Khalipha o ne a itumelela go tsaya karolo ga batsadi mo thutong ya bana ba bone ka ba tlhola tiro ya bana kwa sekoleng le go tsaya maduo a bana a ditlha mo go supang maikaelelo le go kgathala ga batsadi.
Moeteledipele wa Eye Spot, Mme Dineo Moremi yo e neng e le sebui sa tlotla e bile e le mongwe wa barotloetsi ba kabo dimpho eo a re go fenya go kgothatsa motho le go dira le go feta mme e bile motho o ka nna sekai go sa kgathalesege gore o tswa kae.
O ne a re go dira tiro ya kwa lwapeng ga motsadi ke nngwe ya ditiro tse di ka neelang motsadi lesedi la se ngwana wa gagwe a se ithutang kwa sekoleng e bile go ka tokafatsa maduo a ngwana.
O ne a rotloetsa batsadi go beeletsa mo thutong ya bana ba bone ka seo se ka baya isago ya bone le lefatshe la Botswana mo mmepeng wa lefatshe le go baakanyetsa dikokomane tsa lefatshe le isago e e tlaa melediwang mathe.
Moeteledipele wa komiti ya batsadi le barutabana, Rre Amos Mathekela o ne a kopa baithuti go ikgapha mo nnotaging ka ga e ame dithuto fela mme e ama le botsgo jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaone Busang

Location : SELEBI PHIKWE

Event : kabong dimpho

Date : 20 Sep 2016