Breaking News

Ba SefhareRamokgonami ba malalaalaotswe

20 Sep 2016

E re ka go setse malatsi a se kae pele ga lefatshe leno le ipelela boipuso jwa dingwaga di le masome a matlhano, dikomiti tsa ipaakanyetso go keteka boipuso mo metseng ya kgaolo ya Sefhare/ Ramokgonami di bolela fa di ipaakanya.
Fa ba a fa dipego kwa phuthegong e ba neng ba e tshwere le mopalamente wa bone yo e bileng gape e le tona wa botsogo Mme Dorcas Makgato bosheng, baemedi ba dikomiti tsa paakanyetso boipuso go tswa kwa metseng ya Sefhare/ Ramokgonami  ka go farologana ba boletse fa ba na le tshepho ya gore ba tlaa keteka boipuso jo bo faphegileng jwa ngwaga ono go sena makgwere ape.
Ba re ba na le lenaneo le ba le setseng morago la go bona gore malatsi a a setseng a go ya kwa letsatsing la boipuso go tlaa bo go na le ditiragalo dife.
Ba re ba tshwere ka natla gore mo malatsing ao go bo go na le maitiso a dikhwaere, bommabontle, mmino wa Setswana le tsotlhe tsa ngwao. Ba boletse fa molelo wa kgolagano e le one o ba buletseng ditsela ka ba dirile go le gontsi ka nako eo go tshwana le go penta metse ya bone ka mebala ya folaga ya lefatshe leno.
Fa a tsibogela dipego tsa dikomiti tsa paakanyetso ya boipuso, Mme Makgato o ne a bolela fa maikaelelo a gagwe e ne e le go tla go lekola dikomiti tsa kgaolo ya gagwe gore di tsweletse jang ka paakanyetso ya boipuso.
O ne a akgola ofisi ya molaodi kwa Mahalapye go bo e dirile tiro ya go bona gore banni ba metse ka go farologana ba kgona go ipaakanyetsa boipuso.
Mme Makgato o ne gape a kopana le badirelapuso ba ba direlang mo kgaolong ya gagwe. Mo phuthegong eo, o ne a supa fa a sa itumelele go bo maphata mangwe mo kgaolong ya gagwe a sa tsene diphuthego tse a di tshwarang fa a lekola kgaolo ya gagwe.
O ne a rotloetsa badirelapuso mo kgaolong ya gagwe go tla diphuthegong tsa kgotla ka bontsi ka go tlhokana le gore ba arabe dingwe tsa dipotso kana dilelo tsa banni. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : SEFHARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 20 Sep 2016