Breaking News

Dikgaisano di godisa talente

20 Sep 2016

Mogolwane go tswa kwa ofising ya banana, metshameko le ngwao kwa Palapye, Mme Laone Ralekgobo o rotloeditse badiragatsi go tsena dikgaisano tsa ga Tautona tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ka malatsi a ga Tautona.
Mme Ralekgobo o buile se ka Tshipi kwa Maunatlala kwa ditlhopha tsa bodiragatsi tsa kgaolo ya Lerala/Maunatlala di neng di iteisanya borathana teng.
O boletse fa bontsi jwa ditlhopha tsa bodiragatsi di gaisanya fela mo legatong la kgaolo ka go le motlhofo gore ba bone madi mme e re go tsena dikgaisanyo tsa malatsi a ga Tautona go bo go sa nne yo o tsenelelang.
O tsweletse a re dikgaisano tsa ga Tautona di ka kgontsha badiragatsi ba ditalente tse di farologaneng di tshwana le poko, segaba, katara le mmino wa Setswana gore ba supe bokgoni jwa bone le gore bodiragatsi jwa bone bo gole ka ba kopana le ditlhopha tse di tswang khutlong tse nne tsa lefatshe leno.
Mme Ralekgobo o ne a supa matshwenyego ka go bona ditlhopha tse di farologaneng ngwaga le ngwaga e le tsone di tsenelelang dikgaisano tsa bodiragatsi a bolela fa seo se sa supe kgolo.  O ne a rotloetsa ditlhopha go sa ipone tsapa mme ba tswelele ba gaisanya ngwaga le ngwaga gore ba ikage.
Mme Ralekgobo o ne a re maikaelelo a dikgaisano tse ke go ntsha banana mo mekgwatheng le gore ba itshetse ka madi a ba a tsayang fa ba sena go fenya.
A re bangwe ba badiragatsi ba felela ba ngongorega ba bolela fa baatlhodi ba sa atlhola sentle ka jalo o ne a bolela fa badiragatsi ba ba fenyang ba fenya ntateng ya gore ba dirile sentle.
Mo go ba poko, Oaitse Oduetse o ne a tsaya maemo a ntlha fa Boitumelo Morakaladi a ne a tsaya a bobedi mme Keolopile Samuel a tsaya a boraro. Mo dikgaisanong tsa dikhwaere, setlhopha sa Diselammapa se ne sa tsaya maemo a ntlha, maemo a bobedi a tsewa ke sa Sesigo sa koma fa a boraro a ne a tsewa ke sa Dangers Choir.
Maemo a ntlha mo go tsa mmino wa Setswana, a ne a tsewa ke setlhopha sa Goomothakga fa a bobedi a ne a tsewa ke sa Tselatshweu mme a boraro a gapiwa ke setlhopha sa Mmakodu.
Mo go tsa motshameko setlhopha sa Mphampha se ne sa tsaya maemo a ntlha fa a bobedi a ne a tsewa ke sa Tshutshumakgala mme a boraro a tsewa ke sa Itekeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : MAUNATLALA

Event : ditlhopha tsa bodiragatsi tsa kgaolo ya Lerala/Maunatlala

Date : 20 Sep 2016