Botswana o tswa kgalakala le kagiso - kgosi
20 Sep 2016
Kgosi Michael Molefe wa Kopong a re molelo wa kgolagano o o sa tswang go ralala lefatshe leno o leretse Batswana tshwaragano le popagano e ba tshwanetseng ba ipelafatsa ka yone.
Kgosi Molefe yo a neng a bua kwa Mmatseta go ipelela kgorogo ya molelo wa kgolagano a re mo dingwageng tse di masome a matlhano lefatshe leno le ntse le ipusa, Batswana ba ntse ba tshelela mo kagisong e e tshwanetseng ya nna thuto mo go bone go re le dikokomane tse di tlang di e akole.
A re go bo lefatshe leno le kgonne go nna la kagiso ke ka ntlha ya boeteledipele jo bo neng bo dira ka neelano mo mererong ya ditlhabololo tsa lefatshe leno, le go ikanya Modimo.
Fa a bua ka ditso tsa motse, mongwe wa bagolo Rre Seabe Mogatusi a re motse wa Mmatseta o reeletswe ka ledutela, kana mogobe, a tlhalosa fa batho ba ntlha go simolola go thibelela mo motseng oo ka ngwaga wa 1951 e ne e le Batlokwa go tswa kwa motseng wa Tlokweng.
A re ba ne ba nosa leruo la bone mo leduteleng leo ka le ne le na le metsi a mantsi le phulo e e neng e kgatlhisa thata ka nako eo.
A re go thaiwa le go tlhomamisiwa ga lefelo leo go nna motse o o tlhomamisitsweng ke ka kopo ya bone ka jaana bana ba bone bane ba sokola go ya sekoleng jaaka ko Metsimotlhabe ka nako ya fa dipula di nele.
Le fa go ntse jalo Rre Mogatusi a re keletso ya bone ke go bona motse o gatetse pele ka go bona ditirelo tsa maphata a puso di gorogile mo motseng oo mo dingwageng tse di masome a matlhano tse di tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Dinah Mfulwane
Location : MMATSETA
Event : Molelo wa kgolagano
Date : 20 Sep 2016






