Kokelo e ikgakolola ditso
20 Sep 2016
E rile bosheng badiri ba kokeko ya Mmadinare ba tshwara moletlo wa tshupegetso ya nyalo ya Setswana e e neng e rulaganngwa ke batsadi ba bana ka bobedi.
Moono mogolo wa moletlo e ne e le go tsosolosa tsamaiso ya nyalo ya Setswana ka fa e neng e tsamaisiwa ka teng.
Ngaka kwa kokelong ya Mmadinare Rre Kobamelo Motshidisi a re maikaelelo magolo a go tshwara moletlo wa lenyalo la Setswana ke go lemotsha banana ka boleng jwa lenyalo.
Rre Motshidisi a re babereki ba tsaya nako e ntsi ba le mo ditirong bogolo jang banana, a re ga ba kgone go ya magaeng go ya go tsenya letsogo mo go direng ditiro tsa Setswana ka jalo ba sa kgone go ithuta go le go ntsi mo bagolong. Rre Motshidisi a re se ke nngwe tsela ya go itshekatsheka e le bana ba Batswana go bona fa ba fapogileng tsela teng ka go ipela le lefatshe la Botswana go bo ba santse ba somaretse ngwao.
Rre Motshidisi a re maikaelelo magolo ke gore ba bopagane go ya pele go supa fa Batswana ba tswa kgakala ba tshwaragane, a re se ke sone se se ba kgontshitseng gore ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome a matlhano lefatshe le ipusa go sena tshololo ya madi le kgethololo ka letso le mmala.
Kgosi Tumelo Kgari wa kgotla ya Ramere kwa Mmadinare a re babereki ba kokelo eo, ba dirile moletlo wa tshupegetso ya lenyalo ka nako e e maleba, e banana ba gompieno ba tlhobogileng fa lenyalo le sena boleng. Rre Kgari a re banana ba malatsi ano ba tsaya gore lenyalo ke matshamekwane mo ba kgonang go nyalana kwa ntle ga morero wa batsadi.
Kgosi Kgari a re dikgang tsa kgokgontsho tse di dirafalang mo malwapeng magareng ga banyalani di supa gore Batswana ba latlhegetswe ke setho le tlhong-botho e ba itsegeng ka yone. Kgosi Kgari a re tsamaiso ya nyalo e farologane go ya ka merafe ya Botswana mme ope a sa tshwanela go e gataka ka dinao.
Kgosi Kgari a re tsamaiso yotlhe ya go baakanyetsa lenyalo ga e a tshwanela go fapoga gope jaaka patlo, kapeso ya dikobo go ya go feleletsa ka nako e boora mosadi le boora monna ba layang bana ba bone go ba tlhagolela kago e e tiileng ya lelwapa.
Kgosi Kgari a re banyalani ba tshwanetse go itse gore fa ba tsena mo lenyalong e nna motho a le mongwe e bile ope a sa tshwanela go dira sepe kwa ntle ga morero, o tsweletse a re manyalo a gompieno a tlhakatlhakanngwa ke batsadi ba ba tsenelelang mo malwapeng a banyalani.
Kgosi Kgari a re mo nakong ya gompieno banyalani fa ba na le tlhoka kutlwisisano ba sianela kwa dikgotla tshekelong pele ba kopana le batsadi go ba thusa go rarabolola bothata ja bone.
Kwa bofelong, Kgosi Kgari o ne a kgothatsa badiri ba sepatela sa Mmadinare go tswelela ba tshwara meletlo ya ngwao ka e le nngwe ya go e tsosolosa ka se, se ka dira gore ba ba ntseng ba sena kgatlhego mo go yone ba kgone go ithuta. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Moletlo wa tshupegetso ya nyalo ya Setswana
Date : 20 Sep 2016






