Batswana ba rotloediwa go direla lefatshe
19 Sep 2016
Botsogo ke pinagare ya botshelo jwa motho mongwe le mongwe, ka jalo Batswana bangwe ba ne ba bona go le botlhokwa go ithaopela go direla ba bangwe gore ba akole ditlamelo tsa botsogo.
Mo potsolotsong bosheng, mooki wa pele e bile e le ene yo o simolotseng kokelo ya Shoshong ka ngwaga wa 1959, Mme Anne Thipe a re kokelo e ne e tsamaisiwa ke ene a tlatsa ka gore kokelo e ne e direla mo kgotleng ya Bokaa.
O boletse fa a ne a adimiwa ntlo ke Mme Keletso Mosinyi yo e leng morwadie Kgosi Lebelwana Mosinyi gore a alafele balwetse mo teng.
A re morafe wa Shoshong o ne wa lemoga botlhokwa jwa tiro ya gagwe ka jalo ba mo fa bonno jo bo tlhokegang jo bo bulegileng, a tlatsa ka gore o ne a fudugela fa molapong gaufi le kereke ya Lontone ka ngwaga wa 1960.
O tswelela a tlhalosa fa a ne a direla mo ntlong ya asbestos e e neng e direla ba kokelo ya Mahalapye fa ba etetse motse wa Shoshong.
A re ba kokelo ya Mahalapye ba ne ba etela motse wa Shoshong gangwe fela mo kgweding go le Labobedi go alafa balwetse.
E re go ntse jalo,Mme Thipe a re o ne a thapilwe ke puso ya ga Mmamosadinyana,a tlatsa ka gore o ne a bereka e le mooki yo o tletseng e bile a na le dithuto tsa go belegisa.
A re o ne a bereka a le nosi a sena mothusi, a dira tiro ya booki,a phepafatsa ga mmogo le go ga metsi a a dirisiwang mo kokelong go tlhapisa balwetse.
O ne a tlhalosa fa moragonyana a ne a thapelwa mophepafatsi,ka jalo go ne ga mo imolola ditiro tse dingwe di tshwana le phepafatso.
O tswelela a tlhalosa fa a ne a tsosiwa gare ga bosigo go thusa bomme ba ba itsholofetseng fa ba belegela kwa malwapeng a bone.
A re o ne a tsamaya ka dinao a tsere kgetsi ya didirisiwa tsa gagwe ka diatla le lebone la lantere, a tlatsa ka gore mo dinakong tsa maloba go ne go sena dikoloi.
Mme Thipe o ne a tlhalosa fa a ne a sena malatsi a boikhutso ka gore go ne go se ope yo o ka dirang tiro eo mo boseong jwa gagwe, a tlatsa ka gore e e ne e le nngwe ya dikgwetlho tse a neng a kopana le tsone.
Le fa go ntse jalo,a re ka nako eo o ne a dirisanya thata le babelegisi ba mo malwapeng, ba ba neng ba sa rutwa tiro ya go nna jalo.
Mme a re ka Lorato le bopelotelele o ne a ba tsaya tsia dinako tsotlhe, gape a ba rotloetsa ka bophepa mo pelegisong,le didirisiwa tsa bone ga mmogo le go gakololana ka bana.
E re go eme jalo, o ne a tlhalosa gore ka ngwaga wa 1961 mogwebi wa nako eo, Rre Jack Dennison le ba mokgatlho wa Y.W.C.A ba mo tswa thuso ka go aga ntlo ya selekanyo sa dikamore tse pedi gaufi le sekole sa Kgamane kwa Shoshong go thusetsa batho mo teng.
A re kago eo e ne ya thusa go fokotsa dikgang tsa go belegela kwa malwapeng.
Mo go tse dingwe, o tswelela a supa fa ka ngwaga wa 1974 puso e ne ya tlhabolola botsogo ka go tsisa mananeo a tshwana a tlhokomelo ya masea, bomme ba ba itsholofetseng, kgotlholo e tona le lenaneo la phepafatso le atolosiwa ka go hira mmaboitekanelo.
A re ka 1977 go ne ga okediwa bommaboitekanelo ba hirelwa motse wa Ikongwe le Kodibeleng,a tlatsa ka gore ka nako eo e ne e le meraka mme e tshwenngwa thata ke bolwetse jwa kgotlholo e tona.
O boletse fa seo se ne sa thusa thata go lwantsha bolwetse joo.
Mme Thipe a re ke ene yo a neng a okametse metse eo mo go tsa botsogo,e bile a isa ditlamelo tsa botsogo kwa bathong mo tikologong ya motse wa Shoshong.
O tswelela a tlhalosa fa ka ngwaga wa 1978 go ne ga agiwa kokelwana e le gompieno jaana e thusang banni ba Shoshong le metse e e mabapi, a tlatsa ka gore e ne ya rolelwa khansele ya Legare ka 1979.
A re ka ngwaga wa 1980 go ne ga thapiwa baoki ba le babedi ba ba rutetsweng tiro ya go belegisa go oketsa bodiredi jwa gagwe.
E re go le jalo,Mme Thipe o ne a tlogela tiro ka bogodi ka ngwaga wa 1982 a setse a bereketse puso dingwaga di le masome mabedi.
A re mo motseng wa Shoshong batho bangwe ba reeletswe ka ene seo e le sesupo sa tlotlo le lorato mo go se a se dirileng mo go tsa botsogo mo bathong.
“Mo go yeng go itapolosa game tse dintle di ne tsa goroga ka bodiredi ka go farologana”a tlhalosa.
A re bodiredi gompieno bo oketsegile fa go tshwantshanngwa le nako ya maloba,a tlatsa ka gore le tsa boranyane di fetogile,setshaba se godile,ditlamelo di atolositswe go fitlhelela kwa batho ba leng teng.
Mme Thipe a re o rotloetsa badirelapuso go berekela lefatshe leno ka botswapelo le boineelo gore le gatelepele mo go tlhabololeng tsa botsogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Ogomoditse Johannes
Location : SHOSHONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Sep 2016






