Kgosi Kelosiwang o gologa setilo
19 Sep 2016
Go ne go le digabogabo tsa maru, phefo e tsididi e tsubutla thata mo Kanye ka Laboraro. E ne e le letsatsi le Kgosi Kelosiwang Kelosiwang wa kgotla ya Mongala a neng a biditse morafe wa gagwe go tlhalosa gore jaanong o gologa setilo sa bogosi ka gore o setse a godile.
Kgosi Kelosiwang yo o dingwaga di masome a ferabongwe o tlhaloseditse morafe wa kgotla ya Mongala gore thomo ya bone e ba neng ba mo e romile e wetse jaanong o godile ke gore a neele mongwe yo o mmotlana go ba etelela pele. O digela thomo ka kgwedi ya boipuso.
O boletse fa baeteledipele ba kgotla ba itse gore ke mang yo o tlaa mo tlhatlhamang mo setilong. O boletse fa a dirile le bone ka bongwefela ja pelo.
Le fa go ntse jalo bomalomaagwe kgosi le bo rangwaneagwe ba ne ba bua ka bongwefela ja pelo gore ba bone leina la yo o tlaa tsayang mo go Rre Kelosiwang. Ba boletse fa ba bone Rre Tshegofatso Mere gore ke ene ba mmoneng gore o ka tshwara mo boemong ja ga Rre Kelosiwang.
Ba boletse fa ba bogosi ba ne ba kopana mme ba dumalana ka leina la ga Rre Mere gore e nne mogogi wa bone. Ba boletse fa e le monana e bile a itse go bala le go kwala e bile a romega.
Ba mmoleletse gore jaanong o tsile go kopana le dikgwetlho tse di batlang bopelotelele le boammaaruri.
Fa a amogela leina, mongwe wa dikgosi tse di tona ko kgotleng kgolo ya Bangwaketse Kgosi Goboletswe Ketsitlile o ne a bolela fa a tlaa isa leina ko go kgosikgolo Malope II wa Bangwaketse gore ba bone motho mo boemong ja ga Kgosi Kelosiwang.
Kgosi Ketsitlile o boletse fa tiro ya bone e ne e na le morero go sena dikgogakgogano, ba ne ba ikitse fela sentle.
O boletse fa Kelosiwang a sa kgorometswa go tlogela bogosi. O boletse fa ko mafelong a mangwe bogosi bo tsenya letsatsi bo lwelwa.
Rre Mere o amogetse thomo ka diatla tsoopedi mme a kopa bomalomaagwe le dikgosana tse dingwe go tla go bereka le ene ka bongwefela ja pelo.
Morafe ka go farologana ba ne ba dumalana ka megolokwane ka thomo le moono wa dikgosana ka Kgosi Mere go ba goga. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 19 Sep 2016






