Sedibelo Fest e tsosolosa ngwao ya Bakgatla
19 Sep 2016
Kgotla kgolo ya Bakgatla e ne e kgabile ka Lwetse a le lesome le bosupa jaaka Bakgatla ba ga Kgafela ba ne ba ipelela moletlo wa Sedibelo Fest ka setlhogo se se reng Ngwao Khumo Ya me.
Ka morafe o o itsiwe ka koma, ba bo ba dumaduma borre le bomme ba mephato ba supa bothakga jwa pina ya Sekgatla le kapari ya bone.
Banana ba seka ba salela kwa morago ba supa bokgeleke jwa puo ka maboko a a neng a emeletsa bomme ka megolokwane le bo borre ka melodi.
Masupatsela le bone ba bo ba lakasela ba relela, mmino wa Setswana ga mmogo le wa polka o binwa ka bothakga ke ditlhopha tsa motse, dijo le tsone go jewa tsa setso.
Letsatsi le simolotse ka mogwanto o o ne o eteletswe pele ke setlhopha sa masupatsela go tswa kwa Sethobong go ya kwa kgotleng kgolo kwa ditiragalo tsa letsatsi di neng tsa simolola teng.
E rile a amaogela morafe, Kgosi Segale Linchwe a tlhalosa fa moletlo wa Sedibelo Fest o le botlhokwa ka jaana o remeletse mo ngwaong le ditso tsa Sekgatla.
O ne a tlhalosa fa monongwaga moletlo o o tlhagolela boipuso tsela ka o akaretsa motseletsele wa ditiragalo tsa ipelo.
A re moletlo o, o simolodisitswe ke Kgosikgolo Kgafela II morago ga leso la ga rragwe Kgosi Linchwe II mme wa ema ka ngwaga wa 2012. Le fa go ntse jalo, Kgosi Segale a re ba ikaelela go ipelela moletlo oo ngwaga le ngwaga.
Fa a tswa la gagwe, sebui sa letsatsi go tswa kwa ofising ya banana metshameko le ngwao mme Setshego Makgatle o ne a tlhalosa fa ofisi ya gagwe e rotloetsa ebile e ema nokeng meletlo le mediro ya ngwao.
A re ba rotloetsa thata gore merafe e supe dingwao tsa yone, a tlatsa ka gore batsadi le bone ba rute bana ka dingwao tseo.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa moletlo o gape o ka thusa thata go somarela ngwao ya Sekgatla mme a gwetlha bagolo a re go mo maruding a bone go tlhomamisa gore ngwao ga e nyelele.
A re moletlo o tlotlomatsa bagaka ba Bakgatla ba bannye le ba ba tona.
Mme Makgatle a re e le ba ofisi ya banana, metshameko le ngwao mo Kgatleng, ba ikaelela go tsamaya le dikole tse dipotlana ba ruta bana ka ngwao mme a fa sekai a bo a akgola bana ba sekole se sebotlana sa Mmusi ba ba ipitsang Drum Majorrete ba ba neng ba diragatsa a re go a nametsa go bona bana ba tsenya letsogo e bile ba diragatsa ba sale babotlana.
A re moletlo wa Sedibelo Fest o tlotlomatsa ngwao ya Bakgatla ka kopelo, kapari, tsamaiso, le maboko a Sekgatla tse a reng di itlhaola di bo di farologana thata le tsa merafe e mengwe.
Mokgatle o ne gape a kaya fa Sedibelo Fest e lemoga thata dingwao tse di faraloganeng tsa batho ba ba nnang mo Mochudi a fa sekai ka bomme ba Baherero ba Pilane ba ba neng ba kgabile ka kapari ya bone, a tlatsa ka gore go ya pele barulaganyi ba akaretse go abelana ngwao ga merafe e e nnang mo motseng.
“Go ya pele keletso ke gore moletlo o wa Sedibelo Fest o gole, o oke dipalopalo tsa batho o bo o goroge mo seemong sa meletlo e tshwana Dithubaruba le Domboshaba, seo se ka kgonega fa morafe o ka tshwaragana wa neelana megopolo ya go tlhabolola letsatsi le.” Mokgatle a tshwaela.
E rile Rre Basiki Lebekwe yo e bileng e le modulasetilo wa komiti kgolo ya ditlhabololo tsa metse a leboga morafe, o ne a gatelela gore morafe o tshwaragane ba bolelane ditiro tsotlhe tsa motse a re seo se ka tlhomamisa fa morafe otlhe o tlaa nna le kitso le go tlhaloganya ditiragalo tsa motse wa bone.
Rre Lebekwe o ne gape a leboga badiragatsi botlhe mme a gatelela fa a leboga thata badiragatsi ba banana ba e neng e le bone ba palo ntsi go fetisa bagolo.
E re dikgang di eme jalo, fa ba buisana le BOPA Mme Botshelo Radikolo le Mme Boipelo Molefe ba ba neng ba rekisa dijo ba kaya fa ba bone dipoelo mme ba re ba na le tsholofelo ya gore dingwaga tse di tlang fa moletlo o gola dipoelo le tsone di tlaa gola. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Kesego Ngwai
Location : MOCHUDI
Event : moletlo wa Sedibelo Fest
Date : 19 Sep 2016






