Dilokwana o itumelela Ipelegeng
19 Sep 2016
Rre Tefo Mokgethisi wa motse wa Dilokwana gaufi le Jwaneng a re o leboga puso ka lenaneo la Ipelegeng le ene le bangwe mo motseng oo ba akotseng maduo a lone.
Rre Mokgethisi o buile se mo potsolosong le ba lekalana la BOPA bosheng.
O ne a bua a itebagantse thata le letangwana le le mo motseng oo le a reng le epilwe ke badiri ba Ipelegeng.
Rre Mokgethisi a re ke leloko la komiti e e neng ya tlhangwa go tlhokomela letamo leo.
A re letamo leo le le ka nnang boteng jwa dimithara di le tharo le bophara jwa dimithara tse di lesome le dirisiwa thata ke barui ba ba nosang leruo la bone.
Le fa go ntse jalo, Rre Mokgethisi o ne a tlhalosa gore ga se mongwe le mongwe yo o nosang mo letamong leo.
A re tsamaiso ke gore motho a ntshe madi a a kanang ka P50 gore a nose mo letamong leo.
A re metsi a letamo a laolwa ke gore dipula di na jang, a tswelela ka gore go le gantsi letamo le kgona go nna le metsi mo dikgweding tse nne go ya kwa go tse thataro.
Rre Mokgethisi a re letamo leo le le ageletsweng le na le kgoro e e lotlelwang go itsa tsamaiso e e sa lolamang.
A re mo nakong ya gompieno go setse go na le batho ba ka nna lesome ba ba nosang mo letamong leo.
A re madi a koleke a ba thusa go reka dilo di tshwana le dilotlolo tsa kwa letamong leo le go phepafatsa lefelo le letamo le epilweng mo go lone.
Le fa go ntse jalo, Rre Mokgethisi o akgotse lenaneo la Ipelegeng fela thata, a re badiri ba lone ba thusa fela thata ka go tswelela ba epa letamo leo ba bo ba thusa go le phepafatsa.
Rre Mokgethisi wa dingwaga tse di masome a mane le bongwe o rotloeditse thata barui ka kakaretso go leka ka bojotlhe go somarela ditsatlholego ka di ka boloka matshelo a bone.
O ne a bua jalo a itebagantse le dilo di tshwana le matamo,bojang le ditlhare. ENDS
Source : bopa
Author : Terry Makgoeng
Location : JWANENG
Event : Potsolosong
Date : 19 Sep 2016






