Breaking News

Mompe o arogana kitso le baithuti

19 Sep 2016

Mo thulaganyong ya go tsaya karolo mo go godiseng bodiragatsi Rre Tshidiso Mompe o ithaopetse go arogana kitso ya gagwe ya bodiragatsi jwa motshameko le bana ba sekole se se botlana sa Teemane.

Rre Mompe yo o dingwaga di masome a mararo e bile a diragatsa mo setlhopheng sa Moremogolo Theatre Trust a re o bone go le botlhokwa thata go ithaopela bana ba sekole seo ka jaana bodiragatsi bo tshwanetse jwa godisiwa le gone go rotloediwa thata mo baithuting ba ba sa ntseng ba le kwa dikoleng tse di potlana.

Rre Mompe yo o simolotseng go ruta bana ba sekole sa Teemane bodiragatsi jwa motshameko (drama) ngwaga ono o simologa, o tlhalositse fa go bereka le bana bao go mo kaeditse fa talente le keletso e le ntsi fela thata mo lefatsheng leno mme e tlhokana le go tlhabololwa le gone go engwa nokeng gore e phophome.

Fa a bua ka setlhopa sa gagwe sa Teemane, Rre Mompe o tlhalositse fa a rata matlhagatlhaga a setlhopha se mo go ithuteng bodiragatsi jwa motshameko. 

O kaile fa matlhagatlhaga ao a ne a ntsha maduo a a kgatlhisang ka jaana setlhopha se ne sa tsaya maemo a ntlha fa ba gaisanya le dikole tse dingwe mo Jwaneng mme ba boa ba ipoeletsa seboaboane fa ba tsaya maemo a ntlha kwa dikgaisanong tsa kgaolo mo go neng ga ba neela tshwanelo ya go emela kgaolo ya Borwa fa dikgaolo ka go farologana di kopane.

“Bodiragatsi jo bo tlhokana le lerato le matlhagatlhaga gore motho a tswelele pele mme go bona bana ba ba ntsha bojotlhe jwa bone go nametsa pelo thata ka ba kgonne le go tsholetsa leina la sekole sa bone. Se gape ke nngwe tsela ya go rotloetsa bana ba bangwe go tsaya karolo le go nna motlotlo ka bodiragatsi ka kakaretso.”

Rre Mompe o kaile fa keletso e le go tswelela le setlhopha sa gagwe go ya kwa sekoleng se se golwane ka jaana bontsi jwa bana bao ba dira lokwalo lwa bosupa. 

O tlhalositse fa go dira jaana e le nngwe tsela ya go tsweledisa, go baya leitlho le gone go bona fa talente e setlhopha se nang le yone e sa felele mo phefong.

“Talente e e tshwanang le e e batla go tlhokomelwa ka gore ke lemogile fa go ka tswa badiragatsi fela ba tlhwatlhwa ba ba ka tsogang ba phatsimisa lefatshe leno kwa mafatsheng a mangwe.”

Fa a bua ka kemonokeng ya botsadi, o tlhalositse fa e le botlhokwa thata fela jaaka thuto le yone e le botlhokwa mo bodiragatsing. 

O buile fa kemonokeng ya botsadi e rotloetsa ngwana go neela bojotlhe jwa gagwe mme e bile go ka thusa ngwana go ka dira letseno la madi mo isagong ka jaana bodiragatsi bo na le bokgoni jwa gore motho o ka itshetsa ka jone.

Rre Mompe o gwetlhile badiragatsi jaaka ene go tshwarana ka mabogo go godisa bodiragatsi gore nako nngwe ba kgone go tshela ka talente ya bone jaaka badiragatsi ba mafatshe a tshwana le Amerika ba na le bahumi ka ntlha ya bodiragatsi. 

A re go botlhokwa thata gore le ba ba neetsweng tiro ya go godisa bodiragatsi e re fa ba kaya diphoso tsa modiragatsi ba di papamatse ka se se tlaa thusa modiragatsi thata go godisa talente ya gagwe. BOKHUTLO

Source : bopa

Author : Segomotso Lemme

Location : JWANENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 19 Sep 2016