Mapodisi a simolodisa lenaneno la go etela dikereke
19 Sep 2016
Mapodisi a Ghanzi a simolotse lenaneo la go ya go kopa merapelo mo dikerekeng ka go farologana tse di mo toropong ya Ghanzi ka tshipi mongwe le mongwe beke eno.
Erile a ntsha la gagwe ka tiro eo, mogolwane wa mapodisi, Rre Batshu Muzola a re lenaneo leo le tla jaana morago ga go lemogwa fa go na le tlhaelo ya baruti mo sepodising.
A re mapodisi ao a tsile go ya kwa dikerekeng ba apere kapari ya sepodisi ka jalo dikereke di tshwanetse go tshwaragana le bone.
Mogolwane wa mapodisi, Rre Muzola a re go botlhokwa gore mapodisi a tsene dikereke ka dinako tsotlhe gore le bone ba kgone go ikamanya le lefoko la Modimo.
Rre Muzola a re lenaneo leo la mapodisi la go tsena dikereke ga ba ye go itebaganya le kereke e le nngwe fela jaaka ba simolotse kwa kerekeng ya Dutch Reformed, ba ya go tsamaya le dikereke tsotlhe mo Ghanzi.
Rre Muzola a re lenaneo leo le simolotse ka ngwaga wa 2006,mme ka jalo mo kgaolong ya Ghanzi ba ne ba salela kwa morago ka dikgwetlho dingwe a tlatsa ka gore ke ka moo ba simolotseng lenaneo leo.
Rre Muzola a re mo sepodising go na le letlhoko la baruti mme a tlatsa ka gore go tsamaya dikereke go tlaa kaba phatlha eo ka mapodisi a tlaa ithuta lefoko la Modimo.
Rre Muzola a re gape mapodisi go ya kwa dikerekeng ba tsile go leka go thusa ba bangwe go ba sidila maikutlo fa ba na le mathata mo tirong le mathata a bone a lelwapa.
Rre Muzola a re mapodisi go tsena dikereke go ka tsisa diphetogo tse dintsi mo matshelong a bone go na le go nna fela ba sa tsene dikereke.
Erile Moruti Sebeko a amogela mapodisi ao a supa fa e le kgatelopele e tona e e tserweng ke sepodisi sa lefatshe leno. Moruti Sebeko a re go botlhokwa gore motho mongwe le mongwe a tshele ka lefoko la Modimo le go tshelela Modimo.
Moruti a re fa o ka itebaganya le lefoko la Modimo o tlaa tshela botshelo jo bo siameng go ya go ileng. O kopile mapodisi ao go tswelela ba tsena dikereke ka mowa o o sosologileng ba sa tshabe sepe. BOKHUTLO
Source : bopa
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : POTSOLOTSO
Date : 19 Sep 2016






