Tlhaelo ya madi e dia ditiro tsa lephata
19 Sep 2016
Mookamedi wa lephata la tsa selegae Rre Tumelo Seboko a re ditiro tsa lephata la gagwe ga di tswelele ka ntata ya madi a mannye a lephata leo le a neelwang ngwaga le ngwaga.
Rre Seboko o buile jalo kwa motseng wa Chanoga kwa go neng go tshwerwe thuto seka dipuisano ya dikgosi le bakwaledi ba kgaolo ya gooTawana bosheng.
O tsweletse a re fa e ne e se ka yone tlhaelo eo, maikaelelo a bone e ne e le gore ba ise dikgosi le bakwaledi kwa sekoleng sa Botswana Public Service College go rutuntshiwa ka ditiro tsa bone go hema tlhakatlhakano e e leng teng mo nakong ya gompieno, a tlatsa ka gore le fa go ntse jalo ga ba a nna fela mme dipuisano tsa bone le sekole seo di tsweletse gore e re nako e madi a bonalang ba bo ba simolola.
A re ba lemogile gore go isa dikgosi le bakwaledi kwa sekoleng seo go ka dira gore ba bereke mmogo ba le mo seelong se le sengwe e seng jaaka gompieno ba thapiwa fela go bo gotwe ba tlaa rutwa ke ba bangwe.
O tsweletse a re o tlhaloganya sentle gore lephata la gagwe le tlhaelelwa ke dikoloi le tsone ditilo le ditafole mme a ba solofetsa gore fa madi a ka bonala seemo se tlaa tokafala, a ba a re mo nakong eno o bonye go le botoka gore dingwe tsa ditilo le ditafole tse di senyegileng ba di batlele komponi nngwe go di shafatsa mme ke tsone tse di tlaa thusang go sa ntse go letetswe madi go bonala.
O bile a ba itsise fa mo nakong eno ba le mo paakanyong ya bukana e go le gantsi bogosi bo berekang ka yone ya molawana wa bogosi, a tlatsa ka gore go le gantsi batho ba tsaya gore tiro ya ga kgosi ke go sekisa, mme a re tiro ya gagwe ke go bopa le go aga setshaba le go tsisa thokgamo.
A re go bitsa morafe go botlhokwa go kopanela dikgang ka a re o a itse gore ga gona motse o o senang dikgang, a re ba nne ba etela le makalana a puso.
O ne gape a akgola Kgosi Oatleng Setlhodi wa Chanoga a re ke ene kgosi wa ntlha go tshwara thuto-puisano ya mofuta oo a ba a re a tswelele fela jalo gore fa a bona o kare tsela e tsena mo sekgweng a nne a dira fela jaaka a dirile mo nakong eno, a re dipuisano tseo di supile go le gontsi gore tota golo gongwe go a tlhaela, a re ga gona magasigasi ape mo motseng wa Chanoga mme dithuto di dikgolo.
Mogolwane wa dikgolegelo, senior superintendent Tomeletso Mogoma o supile ngongorego ya gore dikgolegelo di tletse mo di penologang a re seemo seo se okeditswe ke dipaakanyo tsa dikgolegelo tse tlhano mo lefatsheng leno mme a kopa gore le bone ba bogosi ba ne ba seka seka dikatlholo tsa bone.
O bile a re mathata a mangwe ke go lebala ba masika ba ba kwa dikgolegelong a re batho bao ga ba sa tlhole ba tsenwa ke mowa wa sehologolo a kopa magosi gore ba ne ba kgothatsa batsadi le ba masika go ba tlhola, o ne gape a baya sekai ka motho mongwe yo ba neng ba mo isitse kwa ga bone fa a tswa mo kgolegelelong a re batho ba motse erile ba mmona ba bo ba sia go sena ope yo o mmatlang a re ba tshwanetse go itse gore le fa ba dirile molato fela ke batho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : CHANOGA
Event : thuto seka dipuisano
Date : 19 Sep 2016






