HIVAIDS e ama temo-thuo
18 Sep 2016
Mosekaseki wa tsa temo-thuo kwa lephateng la tshekatsheko ya temo-thuo, Rre Oaitse Monei, a re mogare wa HIV o nnile le karolo e tona mo go fokotseng go ntshiwa ga dijo mo lefatsheng ka bophara.
O buile jalo bosheng kwa bokopanong jwa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS kwa kgotleng ya Kang.
Rre Monei a re dipalo di supa gore masome a mararo le boferabongwe ba tshela ka mogare wa HIV/AIDS mme lesome le bosupa mo go bone ba itsheegile ka temo-thuo.
O supile fa mogare o amile setshaba ka nako e lefatshe le sa ntseng le beile thata mo go itshetseng ka diatla.
A re ka jalo ba ba gateletsweng ke mogare ba bokoa mo thuong le temo go ntsha dijo tse di ka jesang setshaba.
Rre Monei a re gantsi setshaba se na le go supa boutsana jwa dipula, seemo sa loapi, malwetse a leruo, diji tsa dijwalo le bokoa jwa mebu ka monwana gore bo na le seabe mo go koafatseng temo-thuo mme ba ikgatholosa seabe sa mogare.
A re motho yo o bokoa mo mmeleng o palelwa ke go itepatepanya le tiro e ntsi ya ko morakeng kana ko masimong, mme se se ame go ntshiwa ga dijo.
Rre Monei a re go botlhokwa gore setshaba se boele ko Modimong gore o ba fe lesedi, pholo le bokgoni jwa go nyeletsa bolwetse jo.
O tsweletse a re o rotloetsa morafe go ikgapha le go tsenya seatla mo go lwantsheng mogare ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa e bile puso e ka se kgone go lwantsha mogare e le nosi.
A re ba ka itsaya motlhala go ya go botsa batho ba bogologolo gore bone ba ne ba dira dilo jang go ikgapha mo malwetsing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Michael Matebele
Location : KANG
Event : kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa HIV/AIDS
Date : 18 Sep 2016






