Breaking News

Radisele o tlhaelelwa ke metsi

18 Sep 2016

Banni ba Radisele kwa kgaolong ya Legare ba lela sa mmaiyoo ntateng ya tlhaelo ya metsi.
Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Mme Phetso Kebonang, o boletse mo potsolotsong gore le ntswa ba sielwa metsi ka dikoloi, metsi ao ga a ba lekane ka jaana dikoloi tse di ba nosang di siela gape Mogome le Mokgware ga mmogo le dikole tse nne.
Mme Kebonang a  re fa e sale ka Sontaga wa beke e e fetileng, ba tshelela mo selelong sa khuranyo ya meno ka jaana ba na le malatsi ba sena metsi mo e bileng baithuti ba sekole se sebotlana ba neng ba busediwa kwa malwapeng ntateng ya letlhoko la metsi.
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Radisele, Mme Mosadinyana Phukula, a re le ntswa Water Utilities e siela sekole sa gagwe metsi ka dikoloi, seo ga se rarabolole mathata ka jaana sekole sa gagwe se na le baithuti ba le makgolo a supa masome a matlhano le borobabongwe le barutabana ba le masome a mabedi le botlhano.
A re fa badiri ba Water Utilities ba ka amogela mogopolo wa go tshelela barutabana metsi mo ditankeng tsa dijojo tse di mo malwapeng a bone le go tshela a mangwe mo jojong ya sekole go dirisiwa ke baithuti, seo se ne se ka rarabolola kgang ya tlhaelo ya metsi mo sekoleng seo.
Maiteko a babegadikgang a go buisana le mogolwane wa ofisi ya kanamiso mafoko a koporase ya Water Utilities kwa Gaborone a ne a retela ka jaana mogala wa ofisi ya gagwe o ne o lela fela, mme o sa arabiwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : RADISELE

Event : Potsolotso

Date : 18 Sep 2016