Breaking News

Setshwarwa ke ntsa pedi...

28 May 2013

Makhanselara a kgaolo potlana ya Tutume a kopile badirela puso go tshwaragana le dikomiti tsa ditlhabololo mo motseng gore ditiro tsa Ipelegeng di fele ka nako e e beilweng.

Fa mokhanselara wa Tutume Bophirima Rre Ishmael Mokgethi a bua mo phuthegong kwa  kgotleng ya Selolwane, o boletse fa ditiro tsa Ipelegeng bontsi di sa fele ka tirisanyo mmogo e tlhaela fa gare ga badirela puso le komiti ya ditlhabololo tsa motse.

A re gago na ope yo o tlhokomelang go bona gore babereki ba Ipelegeng ba tla ka nako, ebile ba dira tiro ka botlalo. 

O supile fa ditiro tse dingwe di na le dingwaga di dirwa mme le gompieno di ise di wediwe.

O kopile komiti go dirisanya le puso gore ditiro di dirwe mo sebakeng se se tshwanetseng gore motse o fiwe ditlhabololo tse dingwe.

O supile fa kgaolo ya botlhophi e fiwa ditiro tsa ditlhabololo di le nne mme di tshwanelwa ke go dirwa tsa fela ka nako gore ba fiwe tse dingwe gape.

A re kgotla ya Selolwane e siilwe ke ditlhabololo ka ntlha ya go sa fetseng ditiro ka nako.

Mokhanselara a re batho ba ne ba tsena diphuthego tsa makhanselara go utlwa gore a baemedi ba bone ba isa dikopo tsa morafe.

Mokhanselara wa Tutume Legare Rre Moseki Matlhodi ene o ne a kopa ba ba mo Ipelegeng go bereka ka natla ba itse fa ditiro tsa Ipelegeng di dirwa go tlhabolola motse wa bone mme ebile di tshwanetse go fela ka nako gore ba fiwe tse dingwe.

A re ba ithute go dira ba sa salwa morago gape ba goroge ka nako mo tirong.

A re Ipelegeng e tshwana fela le mebereko e mengwe mme babereki ba itse fa ba tshwanetse go obamela melao ya tiro.

A re bagolwane ba Ipelegeng ba dire tiro ya bone ya go tlhokomela mme ba tseele ba ba sa obameleng molao dikgato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : TUTUME

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 28 May 2013