Breaking News

Ba Phate ya setso ba tsosolosa ngwao kwa Mahalapye

15 Sep 2016

Banana ba setlhopha sa mmino wa setso se se tumileng thata kwa Mahalapye, Phate Ya Setso ba re ba tlaa tshegetsa moletlo wa ipelelo ngwao kgwedi e e tlaang ya Phalane e le 29.

Moanamisa mafoko wa setlhopha seo yo gape e leng leloko, Mme Charity Keobokile a re  ba tswa kgakala ba na le mogopolo wa go tshegetsa moletlo wa go nna jaana mme ba retelelwa ka ntlha ya letlhoko la madi.

A re e le banana ba ba itsetsepetseng mo go somareleng ngwao ba bone go le botlhokwa gore ba dire moletlo o, o e seng fela  go ikokoanyetsa madi ba le setlhopha mme e le go godisa serodumo sa ngwao ya banni ba Mahalapye.

Mme Keobokile o tlhalositse fa ba na le keletso e kgolo ya go aga legae la ngwao (cultural village), a re go thona gore motse wa Mahalapye o bo o sa tuma thata ka tsa ngwao segolo jang ka go na le merafe e e farologaneng mo motseng e e itsegeng ka go tlotla ngwao e akaretsa Baherero, Bakalaka, BaXhosa le e mengwe

Moletlo o o tlaa tshwarwang ngwaga le ngwaga, o tlaa bo o tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng; Ngwao ya rona, seipone sa rona; mothubane o matshego mararo. Moletlo o o tlaa fa morafe sebaka sa go ka supa dingwao tsa bone tse di farologaneng gore ba tle ba ikgakologelwe se ba leng sone.

O tsweletse a tlhalosa fa moletlo o, o o tlaa bong o tshwaretswe kwa Letlapa le Ikadile  gone mo Mahalapye, o tlaa bo o akaretsa dijo, mmino ga mmogo le metshameko ya Setswana.

A re le mo maitseboeng go tlaa nna le maitiso a go tlaa bong go tlhajwa mainane, dithamalakane le ngangisano ya dikgang tsa ngwao magareng ga banana le bagolo gare ga tse dingwe.

O buile gape fa go tlaa bo go le metshameko ya Setswana, go tla go ruta basha le go ba lemotsha fa e ka ba natefelela fela jaaka bogologolo, kgotsa go gaisa e ba e tlotlileng ya sesha.

A re go tlaa bo gape go na le ba ba supang kapari ya setso ka go farologana ga yone.

Mme Keobokile a re ba setse ba lekodisitse bogogi jwa motse ka kgang e mme ba sa ntse ba tlaa tsamaya le motse go itsise banni.

O ikuetse mo morafeng go ba amogela le go ba rotloetsa ka sepe fela se ba nang le sone gore maiteko a bone a tle a atlege.

A re o dumela thata fa banni mmogo le bagwebi ba motse  o ba ka eletsa le bone gore motse o itsege ka tse dintle jalo ba kopa thotloetso gore ba kgone go fitlhelela seo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Lephojane

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 15 Sep 2016