Makhanselara a Borwa a batla ditlhabololo
15 Sep 2016
Makhanselara a Kgaolo ya Borwa a ntshitse dikakgelo tse di farologaneng fa a tshwaela mo pegong ya modulasetilo wa khansele, Rre Mephato Reatile.
Phuthego eo ya khansele e simologile ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi) mme e solofetswe go wela kgwedi eno e le masome a mabedi le motso.
Mokhanselara wa Digawana Rre Daniel Motlhabankwe o ngongoregile ka khampani e e lebaganeng le dituelo tsa bagodi a re ga e dire tiro jaaka go ne ga begwa kwa khanseleng.
Mokhanselara Motlhabankwe o tsweletse a kopa gore mo ditirelong tsa sepodisi motse wa Digawana o thusiwe go tswa kwa Kanye.
O ne gape a kopa gore dikole tsa bananyana (reception class) di phatlaladiwe mo dikoleng ka bontsi Digawana a le mo teng.
Mokhanselara wa Kebuang, Mme Kopano Pasela o ne a tlatsa mafoko a ga mokhanselara Motlhabankwe a gore khampani ya dituelo tsa bagodi ga e dire tiro mo go kgotsofatsang a tlhalosa fa le tsone tota dikarata tsa dikamogelo tsa bagodi bangwe mo kgaolong ya gagwe di timeletse kwa dikgotleng di sele.
Bangwe ba makhanselara ba ngongoregile ka tlhaelo ya badirelapuso mo dikgaolong tsa bone bogolo jang baoki, bakwaledi ba kgotla le mapodisi.
Mo go tse dingwe bangwe ba ntshitse matshwenyego ka badirelapuso ba ba berekelang mo lefelong le le lengwefela lebaka le le leele ba re seo se koafatsa go ntsha maduo mo tirong, mme gape bangwe ba ngongorega ka bodiredi go tshwarelela mo maemong mangwe (acting) nako e telele mme e re ko morago go thapiwe o sele yo o neng a tshwareletse a sa a neelwe, ba re golo foo go tsenngwe leitlho ka ekete go tlaa tshabelela kgaolo ya Borwa thata.
Ba ne gape ba ngongorega ka ditsela dingwe tse di sa tsamaegeng mo metseng ya bone mme ba supa gore dingwe di tlhoka go tlhabololwa ka go tshelwa lokgarapana fa dingwe di tlhoka motshela kgabo.
Mokhanselara Binkie Moalosi wa Lorolwane o buile ka seemo se se maswe sa tsela ya Lorolwane a re mo nakong eno ga e tlhoke go gopiwa mme e tlhokana le go tshelwa lokgarapana.
O ne gape a supa matshwenyego ka go phatlaladiwa ga motlakase mo motseng oo a re go lobaka ba o letetse mme ga gona thuso epe.
Mokhanselara wa Molapowabojang East Rre Calvin Matlale ene o ngongoregile ka motshelakgabo o o tswang ko Maruswa le Motlhwatshe o tlolela ko Molapowabojang a re go mosola thata gore o nne mo seemong se se siameng bogolo jang ka ba tepo loapi ba tlhalositse fa go solofetswe pula e namagadi ngwaga ono.
A re eseng jalo bana ba mafelo ao ba tlaa nna le bothata jwa go ya sekoleng ko Molapowabojang fa pula e ka na ka bontsi a re mme bangwe ba bone ba tlaa bo ba kwala ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa bosupa ko dikoleng tse dipotlana ko motsing oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kenanao Ntsimane
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 15 Sep 2016






