Breaking News

Dikgosi di rotloediwa go bala

15 Sep 2016

 Moeteledipele wa lekgotla la ditsheko tsa Setswana Kgosi Christopher Masunga a re go botlhokwa gore dikgosi tsa lefatshe leno di inaakanye le go bala dibuka tsa molao pele ba ka  atlhola ditsheko.

Kgosi Masunga o buile kwa thuto puisanong e e neng e biditswe ke kgosi wa Chanoga ka Mosupologo (Lwetse a le lesome le bobedi), go ya go itshekatsheka le go tlhatlhelelwa ka tiro ya bone. 

O tsweletse a re go tlhoka go bala go ka ba dirisa diphoso tse dikgolo.

O tsweletse a re go inaakanya le go bala go ka itsa tlhakatlhakano e gompieno e leng teng mo makgotleng a Setswana, a tlatsa ka gore kgosi ga a tshwanela go tsaya letlhakore mme o tshwanetse go itse gore ene ke motshereganyi.

Kgosi Masunga o tlhalositse fa a buisiwa mafoko ao ke gore dikgosi ka bontsi di nna di botsa gore ke eng ba ditsheko tsa Setswana ba nna ba tsholola dikgang tsa bone, a re bone ba kgona go lemoga segolo jang fa kgosi a tsere letlhakore ka gore o tlaa fitlhela motho yo mongwe a boditswe dipotso tse pedi fa yo mongwe a boditswe di le masome a mabedi.

O ba kopile go atlhola dikgang ba sa solofela go amogela sepe ka fa tlase ga tafole, a re ka dinako tse dingwe motho o kgona go gana go sekisiwa ke kgosi yo mongwe a bo a bolela fa a batla kgosi e sele a re tota ga go a tshwanela go nna jalo.

Kgosi Masunga o bile a kopa ba bogosi go emisa go dirisa mafoko mangwe jaaka lefoko la mosekisiwa a re motho wa go nna jalo o a bo a ise a bonwe molato mme a re ga gona jaaka a ka bidiwa mosekisiwa fa e se mmelaelwa a re o ya go nna mosekisiwa fela a sena go bonwa molato.

O bile a re dingwe tsa dikgolegelo di tletse phetelela mme a re ene o dumela fa di tlatswa ke dikatlholo tse di seng maleba tsa bangwe ba dikgosi mme e le ka go sa baleng molao, mme a ba kopa gore ka dinako tsotlhe fa ba sekaseka ditsheko ba sale morago ditsetlana tsa 12,13,15 le 21 tsa molao.

A re ba atlhole ba ikaegile ka tsetlana ya molao motheo ya bo lesome ya go sala ngwao morago gore ba seka ba gataka ditshwanelo tsa yo ba mo lebisang molato ka gope, a tlatsa ka gore go botlhokwa thata go itse seikokotlelo sa tiro ya bone.

Kgosi Masunga obile a re fela jaaka dikgosi, bakwaledi le bone bana le diphoso tse di supang fa ba dira tiro ya bone bale boitseme mo go yone le botlhoka kitso, a re mme gongwe bone ke bone ba dirileng phoso ka bantse ba dumela gore kgosi kana mokwaledi ba rutwa tiro ke kgosi e nngwe kana mokwaledi yo mongwe ba sa ba ise kwa dithutong tse di tseneletseng.

E ne  erile go le pele bangwe ba dikgosi ba batla go itse gore ke eng fa e re ba atlhotse batho e re morago ga malatsinyana ba ba bone ba tsamaya mo motseng ntswa lebaka le ba neng ba le ba atlholetse le sa goroga.

Kgosi Masunga o ne a ba gakolola gore melato e mengwe ga se e e tlhokang gore ba romele batho kwa dikgolegelong mme ba ka neelwa dikatlholo tse dingwe tse di leng teng kwa ntle ga kgolegelo go fokotsa le one mosuke kwa pele.

O bile a kgalela bangwe ba dikgosi go iphetisa dino le gone go sa theogeleng ka nako le go apara sentle, a re motho fa a tsena mo kgotleng o tshwanetse go bona gore kgosi ke ofe a re ga a reye gore ba kgabe mme ba lebege, a re ka dinako tse dingwe ke sone se ba reng bakwaledi ga ba ba tlotle.

Kgosi Ebineng Potsoeng wa Tsau o ne a re ka dinako tse dingwe ba dirisiwa diphoso ke ba sepodisi segolo jang mo dikgannyeng tse ba di romelang kwa go bone a re gone foo ke gone fa e kareng motho a sa bala a iphitlhela a isitse motho kgolegelong ka molato o a sa o dirang.

A tlhalosa fa ene kwa kgotleng ya gagwe a setse a na le dikgang tse dingwe tse a setseng a kile a di busetsa kwa go bone ba sepodisi ka a ne a lemogile fa di sa salwa morago sentle mme a tlatsa ka gore o ne a thusiwa ke gone go bala, a tlhalosa fa go le botlhokwa thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onalenna Mokhawa

Location : CHANOGA

Event : Thuto puisano

Date : 15 Sep 2016