Breaking News

Ba rotloeditswe go tsaya karolo

14 Sep 2016

Tona wa Dikgaolo  le Tlhabololo Magae Rre Slumber Tsogwane o rotloeditse morafe, makalana aa ikemetseng le maphata a puso gore  banne le seabe, gape  ba kopanele ditiragalong  tsotlhe tsa go ipelela boipuso jwa masome a matlhano.

Rre Tsogwane yo gape e leng Mopalamente wa Boteti Bophirima  o ntshitse thotloetso e, fa a simolodisa moletlo wa metshameko wa Rakops oo neng o tshwerwe ka Matlhatso (Lwetse a le lesome).

A re go maleba gore boipuso jwa mono ngwaga bo bo bo ipelelelwa mo go faphegileng ka gore go ipelela dingwaga tse di masome a matlhano tsa katlego le go tshela ka kagiso le thokgamo fa e sale lefatshe la Botswana le tsaya boipuso ka 1966.

Rre Tsogwane a re fa lefatshe leno le tsaya boipuso ka ngwaga wa  1966 le ne  le balelwa mo mafatsheng a lesome aa humanegileng thata lefatshe ka bophara mme gompieno le balelwa mo go aa fagare ka itsholelo.

Are le fa gontse jalo lefatshe leno  le nnile le kgolo ya itsholelo mme fela le santsé le itemogela dikgwetlho ditshwana lehuma .

Rre Tsogwane  a re o lebogela gobo  a nnile le sebaka sa go  lebelela banni  ba kgaolo ya gagwe baba neng ba tshologetse go tla tsenelela mabelo 10km le 5km le mabelo a dibaesekele , mmino  wa itshidilo mmele, mabelo a dipitsi le ditonki gammogo le itlhatlhobela malwetsi .

A re metshameko e dira tiro e tona mo botsogong jwa motho e bile e bopaganya setshaba ,a ba a rotloetsa setshaba le makalana aa ikemetseng gore mo nakong e tlang ba eme nokeng ditiro tse tsa metshameko gore digole. Tona o bile a leboga puso  ka lephata la metshameko le ngwao go bo e eme metshameko nokeng mo e bile e godile jaaka gompieno lefatshe leno le kgona go tsenelela dikgaisano tsa mafatshe fatshe a re se ke se supo sa gore rena le bokgoni mo metshamekong. 

O tsweletse a re metshameko e tshwanetse ya nna karolo ya botshelo jwa motho.

Rre Tsogwane o ne gape a ba kgotlhatsa go tswelela ba tsaya karolo mo ditiragalong tse  di setseng   tsa kgaolo tse eleng bontlha bongwe ja go ipelela boipuso .

Mogokaganyi wa lephata la banana metshameko le ngwao Mme Chedza Malapela a re go segilwe tema a ditiragalo tsa go ipelela boipuso tse diakaretsang maitiso a mmino ,metshameko ,phepafatso ya metse ,bokopano jwa dikereke ,mabontle wa mma 1966 gammogo le go tlotlomatsa mebala  ya lefatshe leno.

E rile fa a leboga Mokhanselara wa kgaolo ya Tsienyane Bophirima mme Batoli Manyuni a leboga badirelapuso, komiti ya BOT50, mma 1966 gammogo le setshaba ka kakaretso go bo ba eme nokeng ditiragalo tsotlhe tsa go ipelela boipuso.

Bafenyi  ba metshameko yotlhe baba neng ba tsaya maimo a ntlha ,a bobedi le boraro bane ba abelwa dietsele le madi a kana ka P750, P500 le P300 go ya ka go latelelana ga bone .

Mopalamente o solofeditse banni gore o tla ntsha madi akana P13 000 ele a tla dirisiwa mo kgaolong ya gagwe  ka boipuso gore motse mongwe le mongwe o tseye P1 000, fa mokhanselara wa Tsienyane East Rre Solomon Cornellus ene a solofeditse go ntshetsa kgaolo ya gagwe kgomo dile  pedi gone ka boipuso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : LETLHAKANE

Event : Moletlo

Date : 14 Sep 2016