Badiragatsi ba rotloediwa go tlhwaafala
14 Sep 2016
Badiragatsi ba rotloeditswe go tsaya dikgaisano tsa bodiragatsi ka tlhwaafalo.
Se se builwe ke mogolwane mo lephateng la banana, metshameko le ngwao, Mme Tootini Mogopa fa a bula dikgaisano tsa bodiragatsi tsa kgaolo ya Palapye tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye.
Mme Mogopa a re dikgaisano tsa bodiragatsi ga di a direlelwa gore badiragatsi ba ikgapele madi fela, mme di diretswe gore di kgone go godisa talente ya bone.
A re o tshwentswe thata ke go sa gola ga badiragatsi bangwe ntswa puso e dira gotlhe go tla ka methale ya go godisa bodiragatsi, a tlhalosa fa bangwe badiragatsi ba sa tseye tiro ya bone ka tlhwaafalo.
A re o etse tlhoko gore badiragatsi ba go nna jalo ba nna ba tsenelela dikgaisano ka dipina di le dingwefela mo go supang gore ga ba tseye nako ya bone gore ba ipaakanyetse dikgaisano.
O ba kopile gore ba tswe mo dilong tse di ka ba senyetsang bokamoso jaaka nnotagi le diritibatsi.
A re dikgaisano tse di tshwanetse go fetola matshelo a bone e seng go dirisa madi a teng go nwa bojalwa le go reka diritibatsi.
O akgotse ditlhopha tsa Palapye tse di setseng di kile tsa tsenelela dikgaisano tsa ga Tautona tse di tshwarwang ngwaga le ngwaga ka malatsi a ga Tautona, a bua ka ditlhopha di tshwana Poko Setso se se binang mmino wa Setswana, Michael Monang yo o letsang katara ga mmogo le khwaere ya Palapye Voices.
A re Monang o setse a kile a ya ko lefatsheng la Kenya a ya go natetsha teng a supa talente ya gagwe.
A re o eletsa gore ditlhopha tse dingwe di dire go feta fa.
Badiragatsi ba ne ba gaisana mo go tsa poko, setinkane, khwaere, mmino wa Setswana, le motshameko mme setlhopha sa Demi Gods sa gapa maemo a ntlha fa sa A di lele ba gapa a bobedi mme ba ikgapela P8 000 le P6 000 ka tatelano.
Setlhopa sa mmino wa Setswana sa Phalana tsa Lekgarapana sa tsaya maemo a ntlha se longwa serota ke sa Sefalana sa Ngwao mme ba ikgapela P8 000 le P6 000 ka tatelano.
Mo go tsa poko Gosego Letsatsi o ile a boka go gaisa baboki ba bangwe a gapa maemo a ntlha mme a salwa morago ke Ontumetse Dira mme moletsi wa setinkane Kgaogano Nyamadzabo a gapa maemo a ntlha.
Fa khwaere ya Dipilara e e neng e nkgisanya magwafa le ya Mogote, e gapa maemo a ntlha fa ya Mogote yone e ile ya gapa maemo a bobedi mme ba ikgapela madi a a kanang ka P8 000 fa ya Mogote e ikgapetse P6 000.
Mo baletsing ba katara Michael Monang o ile a gapa maemo a ntlha a longwa serota ke Onkemetse Tekolo le Balebeng Seganele ka tatelano mme Monang a ikgapela P2 500 fa Tekolo le Seganele ba ikgapetse P2 000 le P1 500 ka tatelano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : PALAPYE
Event : Dikgaisano
Date : 14 Sep 2016






