ESP e tsisa ditlhabololo kwa Mokgware
14 Sep 2016
Moseka phufo yabo ga a swe lentswe. Mafoko a, ke a banni ba Mokgware kwa kgaolong ya Serowe Borwa ba ba sa bolong go leta go agiwa ga diofisi tsa kgotla ka 1984, fa kgaolo ya bone ka nako eo e ne e sa ntse e wela mo kgaolong ya botlhophi ya Mahalapye ka fa tlase ga mopalamente wa pele Rre Goareng Mosinyi a e tswaraganetse le monnawe Luka Mosinyi e le mokhanselara.
Lenaneo la go rudisa itsholelo le le simolodisitsweng go itebaganya le ditlhabololo, le ne la seka la feta ba Mokgware ba iphotlhere fela jaaka mo mafelong a mangwe le bone ba ne bona sengwe sa kago ya ofisi ya kgotla e e manobonobo ya (type 1) e e solofetsweng go wediwa mo kgweding eno e ya bokhutlong.
E rile a tlhalosa mo potsolosong le BOPA ka kago ya ofisi eo, mogolwane kwa lekalaneng la Ipelegeng kwa khanseleng-potlana ya Palapye, a lebaganye le dikago tseo Rre Patrick Ratsima, a supa fa ba abetse kago eo madi a a fetang P178 million, a supa fa tiro eo e tsweletse sentle e dirwa ke konteraka ya mono gae.
Rre Ratsima o ne a tlhalosa gore konteraka eo e thapile bana ba Batswana ba le barataro ba ba tshwereng kago eo ka botswapelo ka maikaelelo a go wetsa ka nako e e dumelanweng.
Kgaolo ya Mokgware ke nngwe ya dikgaolo tse di neng tsa etelelwa ke mabutswapele jaaka Dr Gaositwe Chiepe yo ka nako eo e neng e le tona ya thuto, ga tsena Mme Tebelelo Seretse yo e neng e le tona wa papadi le madirelo, mo nakong eno e mo go Dr Pelonomi Venson-Moitoi ba ba itseng sentle ka kgang ya kopo ya ofisi ya kgotla ya Mokgware.
Ka dinako tseo tse banni ba neng ba e batla ka tsone go ne go na le tlhaelo ya madi e e neng e ntse e tlhalosiwa ke mabutswapele ao.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Robert Motlhagodi wa Mokgware o ne a re ba tswa kgakala balela ka ditlhabololo mo kgaolong ya bone, dinako tseo Mokgware e ne e le masimo, mme ba kopa tsela, sekole, kokelwana, motlakase, metsi le yone ofisi ya kgotla mme ya re go ntse go ya ba kgona go bona tse dingwe morago ga go godisiwa ga motse.
Kgosi Motlhagodi are tota e le ruri moseka phofu yabo ga a swe lentswe, a re ke boitumelo jo bogolo mo banning ba motse wa Mokgware go bona ofisi e e agiwa, mme a re ba solofetse go le gontsi gore tse dingwe tse ba saleng ba di kopile jaaka tsela,motlakase, metsi le tsone di tlaa dirwa fa madi a nna teng.
Kgosi o ne a re se se itumedisang segolo bogolo ke gore ofisi eo e tla ka tsotlhe tse di tlhokegang jaaka ditilo le ditafole, ntlo e go tshegeletswang badira molato mo go yone (cell) le koloi.
A re metsi kwa kgaolong ya gagwe e santse e le mathata ka ba nosiwa ka koloi, mme ya re a boela kwa ntlheng ka bodiredi a re jone o na le jone kwa kgotleng ya gagwe.
O ile a re go nna teng ga mapodisi a mabedi go ba thusitse thata go lwantsha borukutlhi ja bogodu ja leruo jo bo ntseng bo apesitse kgaolo ya gagwe kobo ka letshoba mo dingwageng tse dintsi, go neelwe dithata tsa dikatlholo le gone go ba tiisitse moko fela thata.
O ne a dira boikuelo mo pusong, a re a e ne e re go agiwa diofisi tsa mofuta o go akanyediwa le matlo a bodiredi a a tlhaelang thata mo kgaolong. O ne a seka a fetsa a supa boitumelo ja gagwe ka monyenyo fa a ntse a bua ka ditlhabololo tsa motse wa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : MOKGWARE
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2016






