Molaodi o akgola tirisano mmogo
14 Sep 2016
Molaodi wa Bobirwa, Rre Mooketsi Lesetedi, a re o itumelela tirisano mmogo ya banni ba Molalatau mo go ipaakanyetseng meletlo ya boipuso.
Rre Lesetedi o buile se kwa kgotleng ya Molalatau bosheng kwa mogwantong wa go ipaakanyetsa boipuso.
Mogwanto o, o ne o rulagantswe ke komiti ya BOT50 ya Molalatau go kokoanya madi a letsatsi la boipuso.
Komiti e, e kgonne go kokoanya dikete tse tharo, makgolo a supa le masome a marataro a dipulamo letsatsing leo go oketsa a a setseng a le mo letloleng a dikete tse di lesome le boraro.
Rre Lesetedi a re o itumedisiwa gape ke gore banni ba tshwara merapelo kwa kgotleng Labone mongwe le mongwe ka nako ya bosupa mo mosong, mme a re ba tswelele fela jalo ka ebile kgwedi ya Lwetse e le ya merapelo.
Mme Mpule Malema-Ditirwa go tswa ko lekaleng la Motor Vehicle and Accident Fund (MVA) le ene a supile fa a lebogela tshwaragano le maitseo a mantle a banni ba motse wa Molalatau mo go ipaakanyetseng letsatsi le.
MVA e ne ya abela komiti eo dikete tse pedi le makgolo a matlhano.
Banni e ba supile fa ba tlaa tswelela ka tshwaragano go ya go ileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : MOLALATAU
Event : Mogwanto
Date : 14 Sep 2016






