Machete o kopa banni go tlhokomela di-tsa-tlholego
14 Sep 2016
Kgosi Bethuel Machete wa Motlhabaneng o kopile banni ba motse oo go somarela ditsatlholego.
Fa a bua mo potsolotsong, Rre Machete o tlhalositse fa Motlhabaneng a na le matlapa a mantle e bile a ka rekisiwa go dira dipoelo go tlhabolola motse.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Machete a re go na le batho bangwe ba ba gwebang ka go rekisetsa batho ba metse e e mabapi ga mmogo le batswakwa matlapa ao ntleng le tetla ya bogosi.
A re Motlhabaneng ke mongwe wa metse e e sa ntseng e tlhoka ditlhabololo ka jalo a supa fa ditsatlholego di tshwana matlapa, di ka solegela motse molemo.
Kgosi Machete o kaile gape fa Motlhabaneng a na le matlapa a a nang le ditshwantsho mme a supa fa go na le Batswana bangwe le batswakwa ba ba etelang mafelo ao nako nngwe le nngwe go ya go itlosa bodutu ga mmogo le go itsaya dinepe.
O tlhalositse fa go tlhoka go sireletsa mafelo ao e le gone go dirang gore batho ba etele koo kgapetsakgapetsa.
A re bogogi jwa motse bo mo dithulaganyong tsa go agelela mafelo ao gore mongwe le mongwe yo o eletsang kana a batla go ya koo, a ntshe madi.
Kgosi Machete o kgadile batho bangwe ba ba ageletseng mafelo a go nang le ditlhare tsa mokolwane ntleng le tetla ya lekgotla la kabo ditsha.
O tlhalositse fa go dira jalo e le go ikgagapelela lefatshe le go rontsha batho tetla ya go ka itshetsa ka ditsatlholego tse di mo lefatsheng la bone.
Mo kgannyeng e nngwe, Rre Machete o tlhalositse fa kwa Motlhabaneng go apewa bojalwa jwa mokolwane jo a reng bo siametse go ka alafa bolwetse jwa matlho le mala.
O kopile dikhamphani le maphata a a tlhatlhobang dijo kana majalwa go tla go tlhatlhoba bojalwa joo go bona gore a bo siametse botsogo jwa batho kana jang.
A re ke tshwanelo ya gore ditsatlholego di somarelwe gore di seka tsa nyelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Moleboge
Location : MOTLHABANENG
Event : Potsolotso
Date : 14 Sep 2016






