Modiri o abela bagodi
14 Sep 2016
Modiri wa lephata la diphologolo le makgabisa naga kwa Bobonong, Mme Keonyatse Kerobale, o abetse bagodi ba le masome a mabedi le bobedi ba Motlhabaneng megagolwane ga mmogo le go ba direla dijo tsa motshegare.
Fa a bua kwa tirong eo, Mme Kerobale a re o na le dingwaga di le tlhano a ntse a abela setshaba mme a setse a abile kwa motseng wa Mathathane ngwaga o o fetileng kwa a neng a abela banalebogole.
Mme Kerobale o supile fa tiro e ya gagwe ya go aba e le ya ngwaga le ngwaga e bile a sa kope dithuso mo go ope mme a dirisa madi a gagwe a a a amogelang mo pusong.
A re o tsaya madi a gagwe a a a amogelang a kgwedi a ntse fela jalo mme a a lebaganye le tiro ya go direla setshaba se a se tlhopileng mme tiro e ya go aba a e tshwaraganetse le ba ofisi ya boipelego kwa motseng o a o tlhophileng go o abela.
Mme Kerobale a re go aba ga gagwe go lekana le madi a a a amogelang mo pusong.
Fa a tswa la gagwe mmaboipelego kwa khanseleng ya Bobirwa, Mme Gaone Mapodise o kopile banni ba motse wa Motlhabaneng go amogela mpho eo ka lorato a re e supa fa Mme Kerobale a tshegeditse letshego la tshaba e e nang le kutlwelobotlhoko e bile e kgathala.
Mme Mapodise a re bodiredi bo tshwanetse go nna karolo ya setshaba se ba direlang kwa go sone mme a leletsa mogolokwane tiro eo ya go abela bagodi.
Mongwe wa ba ba abetsweng, Mme Talampe Molapisane le ene o ne a leboga tiro e ntle e e dirilweng ke Mme Kerobale a re mpho e e tswa mo boteng ja pelo ya gagwe, mme e bile ba amogetse mpho eo ka lorato.
Fa Rre Joseph Madome a re Mme Kerobale o dirile tiro e e botlhokwa ya go gakologelwa bagodi ba motse wa Motlhabaneng.
Rre Madome a re mpho eo e raya gore bagodi ba motse o ba tlaa bo ba kgabile ka megagolwane ka letsatsi la boipuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : MOTHABANENG
Event : Kabo dimpho
Date : 14 Sep 2016






